Mosimolodisi yo mongwe wa Shegotjamolelo o bolokilwe
31 Mar 2021
Mosimolodi wa mokgatlho wa Shegotja Molelo, Mme Kebitsemang Motshonono, yo o thokafetseng bosheng, o bolokilwe ka Laboraro mo mosong kwa motseng wa Letlhakeng.
Mme Motshonono o tlhokafetse a le dingwaga di le 65 morago ga go tshwarwa ka mogare wa corona.
Dibui ka go farologana di mo supile e ne e le senatla, mme a rata batho.
Moeteledipele wa Shegotja Molelo, Mme Serwalo Masole a re Mme Motshonono e ne e le motho yo o ratang go tlhabolola matshelo a batho, mme a dira jalo ka go tla ka megopolo e e farologaneng.
Mme Masole a re moswi ke ene molori wa toro ya mokgatlho wa Shegotja Molelo, o a o simolotseng ka 2006.
A re o ne a tswelela ka go o direla le go o godisa ka bonatla le botswapelo, go fitlha jaana o setse o na le makalana a le masome mabedi le bosupa, a a anameng le Botswana.
Mme Masole o ne a supa fa Mme Motshonono a ne a le botlhale, mme gape a le bogale, gape a rata dilo tse di tlhamaletseng, di le boammaaruri.
A re e re ntswa mokgatlho o latlhegetswe ke mogaka, o segile tema e ba tshwanetseng go e tsweledisa.
Fa a bua mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Shadrack Maeletso, yo e leng ngwana wa ntlha wa ga Mma Motshonono, o ne a supa fa mmaabone a ba godisitse ka lorato, mme a ba ruta go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone.
A re mmaabone o diretse Letlhakeng le setshaba sa Botswana ka botswapelo, mme seo sa ba ruta gore bodiredi go tewa eng.
Rre Maeletso o ne a supa fa Shegotja Molelo se thaetswe mo lwapeng, mme ba nnile le seabe se segolo mo tshimolodisong ya sone.
A re mmaabone o ne a ba rerisa dilo ka bontsi le gone go tsaya dikgakololo, pele a ya go kopana le bomme ba bangwe.
Rre Maeletso a re mmaagwe e ne e le motho wa semowa ka a ne a tlhaloganya dilo ka tsela e e sa tlwaelesegang, e bile e kgethegile.
A re e re ntswa ba le mo kutlobotlhokong, ba leboga Modimo ka sebaka se ba tshedileng le mmaabone ka sone.
Ngwana wa gagwe yo o neng a mo oka, Mme Oreeditse Maeletso a re mme mmaagwe o ne a ya losong lengwe teng kwa Letlhakeng, mme ya re morago a supa fa a sa tsoga.
A re ba ne ba mo isa kokelong, mme maduo a tla a bontsha fa a sena mogare oo, mme e ne a supa fa a sa tsoga sentle.
Mme Maeletso a re morago ga phitlho ya tautona wa Shegotja Molelo, Mme Janet Mokwena, mmaagwe o ne a ya gape kwa kokelong, mme ba supa fa a na le mogote oo kwa godimo, mme morago ga tlhatlhobo ga supa fa a na le mogare wa corona.
A re ba ne ba na le tsholofelo ya gore mmaabone o a tokafala, mme semmo sa tsaya phekelo e sele ka Labotlhano, a hulara.
Modulasetilo wa Shegotja Molelo mo Letlhakeng, Mme Princess Matlho a re ba lebogela sebaka se Modimo o ba neileng Mme Motshonono, a re o dirile tiro e ntle jaaka mme wa motia.
Mme Matlho a re toro ya ga mme Matshonono e nnile boammaruri, mme o tsamaya jaana se a neng a se batla se diragetse.
Mme Kebitsemang Motshonono o tlogela rre le bana ba supa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Phitlho
Date : 31 Mar 2021