Katlego ya kgwebo e a itshokelwa
31 Mar 2021
Go bolelwa fa mogwebi mongwe le mongwe yo o atlegileng mo kgwebong, a kgonne seo ka go itshokela dikgwetlho tsotlhe.
Ke ka moo go leng botlhokwa gore mogwebi a dumele, a bo a nne le lorato mo kgwebong ya gagwe, go bua jalo bomme ba ba bedi ba ba saleng ba tsena mo kgwebong ya borotho kwa Poloka, mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ka 2010.
Mme Julia Amedius le Mme Khutsafalo Pebe ba re e sale ba thusiwa ka P100 000, go ikagela lebentlele la borotho ka lenaneo la Youth Development Fund, ba ntse ba tshwere ka thata.
Bomme bao e bile ba setse ba ikagetse lebentlele, mo setsheng sa bone sa kgwebo.
“Re tswa kgakala mma, go ne go se bonolo, mme re ititeile sehuba gore ga re kitla re rwala mabogo mo tlhogong, re phuaganya kgwebo e, ka ke yone e re jesang le bana ba rona,” ga bua Mme Amedius wa dingwaga di masome a mane le bosupa.
A re ba ne ba rotloetsega, le go nna le keletso ya go gweba ka borotho morago ga phuthego nngwe e goneng go tlhalosiwa gore fa go na le lebentlele le le rekisang borotho mo motseng, ke lone fela le le abelwang tiro ya go apeela sekole borotho, e seng kwebo epe e tswang ko ntle ga motse.
A re go tloga foo, ba ne ba ikopanya gore ba itirele kgwebo ya go apaya borotho, mme a ba itsese ba boipelego, ba ba neng ba kgona go ba kopela dithuso.
A re fa ba simolola kgwebo, go ne go sena lebentlele le borotho kwa Poloka, le jaana e ntse ke bone fela ba ba nang le lebentlele leo.
Mme Amedius a re fa ba simolola, ba ne ba sena boitseanape bope jwa go tsamaisa kgwebo le fa e le lefelo la go apeela borotho, mme ka thotloetso ya ba European Union (EU) le ba ofisi ya boipelego ya Mahalapye, ne ba ba isiwa dithutong tsa nakwana tsa go tsamaisa kgwebo le go apaya marotho ka go farologana.
A re morago ga dithuto tseo, ba boipelego ba ne ba ba adima ntlo ya kamore tse pedi gore ba tsamaisetse kgwebo mo go lone, fa ba letile go abelwa setsha sa kgwebo.
A re dingwe tsa didirisiwa tse ba neng ba rotloediwa ka tsone fa ba simolola kgwebo, di akaretsa kgotetso ya mo ntlung le ya kwa ntle, dipane tsa borotho le boupi jwa borotho. Mme Amedius a re gompieno, ba setse ba kgonne go ithekela setsidifatsi.
O tlhalositse fa ba tsaya seemo sengwe le sengwe se ba kopaneng le sone e le thuto mo go bone, gore ba kgone ba itsetsepele mo go se ba se ikaeletseng.
A re moso le moso ka nako ya boraro, ba abo ba setse ba tsogile ba le kwa kgwebong, go ya go duba le go apaya borotho, gore fa bareki ba bone ba tsoga ba bo ba fitlhela bo le bothitho.
“Ga o ka ke wa ya gope ka kgwebo fa o ka e simolola o eteleditse pele lorato mo dipoelong tsa yone, mme o sena sepe le yone.
Ke sone se o bonang gantsi batho ba simolola dikgwebo sentle fela, e re morago ga nakwana di bo di setse di phutlhame,” ga gakolola Mme Amedius.
Mogwebi ka ene, Mme Pebe, wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe le ene a gatelela gore ‘mogwebi o tshwanetse a simolola kgwebo a ititeile sehuba gore o tlaa lepalepana le diemo tsotlhe tse a tlaa kopanang le tsone mo loetong lwa go godisa kgwebo ya gagwe”.
A re ga e a re di tloga fela ba bo a solofetsa gore ba tlaa bona dipoelo tse di nametsang motlhofo fela, gape ba ne ba tlhaloganya gore kgwebo e a itshokelwa.
Mme Pebe a re ka ntlha ya bopelotele le boineelo mo kgwebong ya bone, ba setse ba kgonne go duela bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba a adimilwe go simolola kgwebo ya bone, jaanong ba kgaratlhela go feleletsa sekoloto se ba setseng ka sone sa P10 000.
A re mo lebakeng le le leele, e ne e le bone fela ba ba abetsweng tiro ya go rekisetsa dikole tse dipotlana tsa Poloka, Mokgenene le Dibete borotho jwa mapakiwa.
A re e ne ya re mo tsamaong ya nako, ba bo ba simolola go phadisanyetsa kgwebo le bagwebi ba bangwe ba borotho, ntswa ba sena mabentlele a a apayang borotho.
Bosheng jaana, Mme Pebe le Mme Amedius ba re ba ne gape ba abelwa tiro ya go rekisetsa sekole sa Poloka borotho lebaka la dikgwedi tse tharo.
Ba re ba dira dipoelo tse di bonalang kgwedi le kgwedi, mme e bile kgwedi le kgwedi ba a ikamogedisa.
Ba re ba setse ba kgonne go tlhabolola matshelo a bone ka go ikagela matlo le go tsenya bana ba bone dikole.
Le ntswa go tlhagoga ga mogare wa corona go amile dikgwebo tse dipotlana ka go farologana mo lefathseng ka bophara, bomme ba ba re bone kgwebo ya bone ga e a amega mo go kalokalo.
Go atolosa dipoelo tsa bone, ba rekisa marotho ka go farologana jaaka; lofo, mapakiwa, magwinya, gammogo le dinotsididi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : POLOKA
Event : Puisanyo
Date : 31 Mar 2021