Sepodisi se tshwenyegile
31 Mar 2021
Mookamela mapodisi a District No.12, Senior Superintendent Lesole Mosimane a re ba tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go golela pele tsa batho ba ba sa obameleng molao wa kiletso metsamao.
Fa a bua mo potsolotsong, Senior Superintendent Mosimane a re go simologa kgwedi eno e le masome mabedi le bone go fitlha e le masome mabedi le boferabobedi ba gatisitse dikgang di le lekgolo, masome a mararo le borobabongwe tsa batho ba ba tshwerweng ba tsamaya ka nako e e sa letlelelweng
O tlhalositse fa ba gatisitse dikgang tsa ba ba tshwerweng ba kgobokane e se ka fa molaong di le masome a mararo le botlhano le ba ba tshwerweng ba nwela bojalwa mo mebileng di le lesome le botlhano.
Senior Superintendent Mosimane o supile fa ba ba tshwerweng ka bojalwa ba bo reka mo malwapeng.
A re ba kwadisitse kgang e le nngwe ya motho yo o tshwerweng a rekisa a sena teseletso ya go gweba.
A re ba gatisitse dikgang tsa batho ba ba sa rwaleng dibipa-melomo di le lesome le bobedi, mme a tlhalosa fa go supa gore batho ka bontsi ba a di dirisa e bile ba setse ba di tlwaetse.
Senior Superintendent Mosimane o kaile fa setshaba se diragatsa molao wa go emisa mosuke mo dintshong le mo manyalong go hema mogare wa COVID 19.
O kopile setshaba go sala molao morago go itsa dikgotlhang le puso.
Senior Superintendent Mosimane o tlhalositse fa kiletso metsamao e diretswe go fokotsa kanamo ya mogare wa COVID- 19 le ditiragalo tse dintsi tse di ka diragalang jaaka borukutlhi le dikotsi tsa tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : POTSOLOTSO
Date : 31 Mar 2021