Monna o tseela batho dikoloi ka boferefere
31 Mar 2021
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a tsamayang a utswela batho dikoloi.
Monna yoo, yo go belaelwang e le wa Serowe, a utswela batho ba a ba itseng dikoloi ka go bua maaka, mme a di phuaganye fa di felelwa ke leokwane.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, mogolwane wa mapodisi a Serowe Superintendent Poloko Oteng, o boletse fa batho ba malwapa a le mane ba begile fa ba tseetswe dikoloi ka boferefere jo bo sa tlwaelesegang, mo bekeng eno, mme go kaiwa e le motho a le mongwe.
Superintendent Oteng o boletse fa mmelaelwa a tsene mo lelwapeng lengwe a tla ka khombi, mme a bolela fa a feletswe ke leokwane, ka jalo a kopa gore ba mo adime koloi go ya go thela leokwane, morago a tsena ka lenga la seloko.
A re kwa lapeng lengwe, o ne a kopa thuso a bolela fa mongwe wa masika a bone a gateletswe ke bolwetse, ka jalo a adima koloi go mo isa kokelong, mme a nyelela ka koloi ya bone.
Gape ga twe mmelaelwa o ne a bolelela ba lelwapa leo fa a romilwe ke mongwe wa lesika la bone go tsaya koloi go ya go tsaya sengwe kwa morakeng, mme a nyelela ka koloi.
Superintendent Oteng o boletse fa lenweenwee leo le dira kwa malapeng a a a itseng botoka mme ba tsaya gore tse a di buang ke nnete.
Go boletswe fa a tsaya koloi mme fa e felelwa ke leokwane a e tlogele, a dire maano a mangwe go tsaya e nngwe gape, a bolela fa ba setse ba bone dikoloi tse pedi mo go tse nne.
Superintendent Oteng o boletse fa ba santse ba batla monna yoo.
O ne a kopa batho go lesa go adima batho dikoloi ba sa itse gore a se ba se buang ke nnete.
Mo go tse dingwe, ramapodisi a Serowe o boletse fa ba lemogile fa go na le magotswanyana mangwe a a nnang fa di ATM tsa dibanka, ba lebelele batho ba ba tsayang madi, mme ba ba tsietse ka go leka go ba thusa fa ba lemoga ba sa tlhaloganye metshine eo.
O kopile batho gore ba seka ba kopa thuso mo go mongwe le mongwe yo ba sa mo itseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : POTSOLOTSO
Date : 31 Mar 2021