Barui ba abelwa dihutshane
31 Mar 2021
Barui ba le bane ba kgaolo ya Ghanzi Bokone le Ghanzi Borwa ba akotse lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go abelwa diphoko le diphelefu go tlhabolola le go rotloetsa thuo ya dihutshane.
Fa a abela barui dihutshane tseo bosheng kwa polaseng ya puso ya kgwediso ka seatla ya Chobokwane le kwa merakeng e e mo tikologong ya West Hanahai, mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo thuo le dijo, Mme Beauty Manake a tlhalosa fa Tautona Masisi a dule ka lenaneo le ka maiakelelo a go tlhabolola mhama wa thuo ya dihutshane, gore di nne tsa maemo a a kwa godimo le go oketsa palo ya tsone gore nama ya tsone e nne ntsi mo lefatsheng leno ka bophara gore e kgone go rekisediwa mebaraka ya mafatshe a mangwe.
A re maikaelelo a tebelopele ya setshaba ke gore ka 2036, Motswana mongwe le mongwe a bo a ikemetse ka dinao, a dirile mananeo a go itshetsa a sa thusiwe ka mananeo a puso go itshetsa.
Ka jalo, Mme Manake a re barui ba ba nnileng sego ba abelwa dihutshane ke Tautona ba tshwanetse ba dira ka natla le tlhoafalo, ba atsisa dipalo tsa dinku le dipodi gore ba kgone go lepalepana le letlhoko la nama ya dihutshane mo mmarakeng wa mafatshefatshe.
O ba gakolotse gore ba seka ba ikgagapelela dimpho tse ba di filweng, ba thuse barui ba bangwe ba dihutshane go tlhabolola thuo ya bone.
Mothusa Tona Manake o rotloeditse ba ba thusetsweng ka diphoko le diphelefu go emela dihutshane tsa bone ka dinao go oketsa palo ya bone ka gore nama ya dihutshane le mashi a tsone di botlhokwa mo matshelong a Batswana.
O ne a supa gore lephata la gagwe le ikemiseditse go tlhabolola dipolase tsa kgwediso ka seatla gore barui ba kgone go tlhabolola leruo la bone ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.
Barui ba ba abetsweng diphoko le diphelefu ke Mme Sandie Xhari wa New Xanagas, Rre Japuire Tjingoromena wa Makunda, Rre Keolatetswe Jector Marambe le Rre Jonathan Johannes, bobedi joo e le ba mereka e e mo tikologong ya West Hanahai.
Mo dipolelong tsa bone, Mme Xhari le Rre Tjingoromena ba tlhalositse fa ba simolodisitse thuo ya dihutshane ka thuso ya lenaneo la LIMID.
Mme Xhari o ne a tsena mo thuong ya dipodi fa Rre Tjingoromena ene a inaakantse le dinku.
Bobedi joo, ba supile fa ba lebogetse thotoetso e ba e filweng ke Tautona gore ba kgone go tlhabolola boleng jwa dihutshane tsa bone le go oketsa palo ya tsone.
Ba supile fa ba tlaa thusa barui ba bangwe ka go ba rekisetsa diphoko le diphelefu tsa boleng jo bo tlhabolotsweng.
Rre Marambe le Rre Johannes ba supile gore ba simolotse thuo ya dihutshane ka dithata tsa bone ka go nna ba kokotletsa ka go reka ka bongwe ka bongwe mo baruing ba bangwe.
Fela jaaka barui ba bangwe ba ba akotseng lenaneo la ga Tautona Dr Masisi, bobedi joo bo lemogile mosola wa lenaneo le, ka ba supa fa thuo e le pinagare ya botshelo jwa Motswana.
Ba supile fa ba tlaa dira ka thata, ba tlhokomela se ba se abetsweng, gore kamoso le bone ba kgone go thusa barui ba bangwe.
Moplamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai o ne a lebogela thata Tautona Masisi go tsisa lenaneo le mo kgaolong ya gagwe ka gore banni ba lefelo leo ba rata thuo.
Rre Motsamai o rotloeditse barui ba ba abetsweng diphoko le diphelefu go di tlhokomela, gore di tle di ba solegele molemo.
A re dimpho tseo di tshwanetse tsa nna le bokao mo matshelong a bone.
Mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Johane Thiite ene o kopile barui ba kgaolo ya gagwe go ema ka dinao le go tlhomamisa kgolo ya thuo ya dihutshane.
Rre Thiite a re fa o bona Tautona a aba dihutshane jaana o lemogile fa di tlhaela, ka jalo ba tshwanetse go ititaa ka thupana gore ba oketse palo ya dihutshane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : KABO DIMPHO
Date : 31 Mar 2021