Bogosi jwa Lentsweletau bo tlaa buisa morafe
30 Mar 2021
Bogosi jwa Lentsweletau jwa re bo hakgamaditswe ke tiragalo ya bosheng, e mo go yone banni ba motse oo ba neng ba baka tshenyo ka go tshuba le go thuba dikago tsa puso di akaretsa diofisi, leobo la kgotla, dikoloi le dikago tse dingwe mo motseng jaaka mmoshara, ga mmogo le bonno jwa mogolwane wa mapodisi a Lentsweletau.
Tiragalo eo, e e diragetseng bosigo jwa Tshipi, e tlogetse banni ba tshogile e bile ba gamaregile.
Kgosi Morulaganyi Makgasane a re phuthego ya morafe e tlaa bidiwa mo nakong e e sa fediseng pelo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Makgasane a re ka go na le seemo sa se tshosetsang botsogo jwa batho ntateng ya bolwetse COVID-19, ga go sa siama go kgobokana, ba tlaa bitsa dikgosana pele gore ba tle ba gase molaetsa mo dikgotlaneng tsa bone.
Dipelaelo tse di tswang mo ditlhotlhomisong tsa mapodisi tse di tsweletseng, di tlhalosa fa segopa sa batho se tshubile dikago morago ga go nyelelela ga rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa kgotla ya Mokgalung mo Lentsweletau kgwedi eno e le lesome le bosupa.
Fa a bua mo potsolotsong ka Mosupologo, Kgosi Makgasane o supile fa a setse a aperwe ke letshogo le kgakgamalo mabapi le tiragalo e e sa tswang go diragala.
A re ke tiragalo ya ntlha ya mofuta o go diragala le gore ba ne ba sa e solofela, ka jalo a re go maleba gore bogosi bo bitse morafe go tla go buisana ka seemo se se diragetseng.
Kgosi Makgasane o tlhalositse gape gore fa go na le dikgang tsa mofuta o, tsamaiso ke gore go ikuelwe kwa mapodising, mme fa gona le dipelaelo tsa gore sepodisi ga se tsee kgato epe, ba ba ngongoregang ba tshwanetse ba itsese bogosi go thusa go rarabolola kgang.
Kgosi Makgasane a re fa go na le kgang e e ntseng jaana jaaka ya go nyelela ga motho, mme mongwe a dumela gore o na le bosupi jo bo ka thusang, o tshwanetse a itshwaraganye le mapodisi.
A re kgakololo ya bogosi ke go sala tsamaiso morago. Kgosi Makgasane re sebe sa phiri ke gore ga go na ope yo o kileng a tla a supa jalo ntleng le tshenyo fela e ba neng ba e bona e diragala ya go tshuba le go senya dithoto.
A re sengwe se se ka tswang se shakgaditse morafe le go feta ke gore bangwe ba ne ba na le dipelaelo tsa gore bogosi bo ithetse moriti o tsididi, ka ba ne ba dumela fa bo sa dire sepe se se bonalang le ntswa go na le kgang e e kgoberileng maikutlo a morafe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Makgasane o kopile morafe go kokobela maikutlo, mme ba emise go tsaya ditshwetso tse di duleng mo tseleng, a tlatsa ka go re bogosi ga bo ise bo amogele ngongora epe mabapi le go tlhoka go itumedisiwa ke kafa mapodisi ba tshwereng ka teng mo patlong ya lekawana le le nyeletseng.
Fa a tswa la gagwe, molaodi wa Kweneng, Mme Berenice Berman-Mosime o kgadile batho ba ba bakileng tshenyo eo a re go diragetse tshenyo e ntsi e mo go yone dithoto tsa puso le tsa bagwebi le bangwe mo morafeng di senyegileng.
Mme Berman-Mosime o gakolotse setshaba gore se seka sa reetsa magatwe le go ikgapha mo go itseeleng ditshwetso mo dikgannyeng tse di masisi tsa go tshwana le tse.
O tsweletse a re tshenyo e e dirilweng e buseditse morago puso le botlhe ba ba senyeditsweng.
E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa lekalana la sepodisi la kanamiso mafoko, Assistant Commissioner Dipheko Motube a re go tshwerwe babelaelwa ba le masome mabedi le bone, mme ba ka nna ba lebisiwa molato wa go senya dithoto.
Rre Motube a re go solofetswe gore palo ya batho ba ba amanngwang le molato oo e gole ka jaana ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : LENTSWELETAU
Event : potsolotso
Date : 30 Mar 2021