Breaking News

Go dira madila go santse go atile

29 Mar 2021

Go tswa bogologolong Batswana ke batho ba ba ruang dikgomo. 

Bangwe ba ruela dikgomo go itshetsa fa bangwe ba do ruela seriti.

Bontsi jwa ba ba ruileng dikgomo e nna ngwao mo go bone gore e re moso le moso ba game pele ga ba di bolotsa. 

Mashi ao gantsi a a nowa, a tshelwa mo mogodungwaneng, a shaba bogobe kgotsa go dira madila.

Kwa masimong a Nkgalo gaufi le Mogorosi mo kgaolong ya Legare, Mme Gasebatho Monyatsi ke mongwe wa barui ba ba saleng ba rua dikgomo bogologolo mme moso le moso badisa ba gagwe ba a gama mme e re morago a dire madila.

A re o ne a simolola go dira madila fa a simolola go rua dikgomo mme mo dinakong tsotlhe o dira madila a bo a a rekisetsa ba ba itshetsang ka go a rekisa.

A re o ba rekisetsa madila ka tlhwatlhwa e e kwa tlase gore e re ba a rekisa jalo ba kgone go bona dipoelo.  

Mme Monyatsi a re madila ke sejo se se tswang kgakala Batswana ba se dira mme ba se je kana ba shabe ka sone. 

A re o gakologelwa gore fa a santse a le mmotlana ba ne ba kgona go ja madila ka mo nakong ya teng madila a ne a ntse a tlotlilwe fela jaaka mo nakong eno.

A re motho a seka a tsaya fela gore go dira madila go motlhofo mme gore motho a a dire go batla a a dira ka matsetseleko go itsa gore a tswe mo tatsong ya one. 

A re madila gape a tshwanetse go direlwa mo tikologong e e phepa.

O tlhalositse fa a dira madila a tshela mashi mo sekupung sa 50 litres a bo a a baya malatsi a le mane a a khurumetse. 

A re mashi ao, a tlaa bo a rema mme a bo a nna le metsinyana a a botlhoko. 

A re morago ga moo mashi a a remileng ao a tlaa bo a tshelwa mo lekukeng le le tlaa tlhotlhang tlhowa eo gore go sale madila. 

Kgetsi eo e pegwa mo setlhareng gore e kgone go ntsha tlhowa, sentle.   

O supile fa madila a na le kgwetlho ka a sa tshelwe fela mo lekukeng mme o tshwanetse o a tshele o itse gore o a tshela a le mo seemong sefe, ka jalo a re a batla motho yo o nang le kitso ya go a dira.  

Mme Monyatsi a re madila a jewa thata ke Batswana ka go farologana, a supa fa bangwe ba a tsenya sukiri go a timola botlhokwana fa bangwe ba a aja fela a ntse jalo.

A re le ene fela jaaka ba ba rekang madila mo go ene, bonnyennyane jo a bo bonang mo go bone o kgona go reka melemo ya dikgomo mme madi a mangwe o kgona go itshetsa ka one.

Mongwe wa bangwe ba ba itshetsang ka go gweba ka go rekisa madila Mme Keneilwe Daniel wa dingwaga tse di masome mararo le boraro o supile fa a rekisa madila mo marekisetsong a Serowe mme a nna le dipoelo tse di mo kgotsofatsang.

A re o reka madila kwa moruing mongwe wa dikgomo yo o mo rekisetsang a le mantsinyana kwa masimong a Moko go bapa le Paje mme a tle go a rekisa.

A re ga a ipone tsapa ka moso mongwe le mongwe o ya kwa marekisetsong a Serowe mme letsatsi le letsatsi o nna le bareki. 

A re madi a go rekisa madila a mo thusa ka a kgona go ithekela dijo kana sengwe se a se tlhokang kwa lwapeng.

Ntswa Mme Daniel a ruile dikoko tsa nama, a re bonnyennyane jo a bo bonang mo go di rekiseng ga bo a lekana mme o ne a bona go le botoka go rekisa madila go oketsa letseno la gagwe ka a rekwa thata. 

A re emere ya 20 litres e kgona go fela mo letsatsing.

Mme Karabo Lekang wa Mogorosi le ene fela jaaka Mme Daniel a re o gweba ka go rekisa madila mo motseng. 

O supile fa a tsamaya mo motseng tsatsi le letsatsi ka le ene a lemogile fa batho ba santse ba rata madila. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 29 Mar 2021