Kgosi Sekai o di goga kwa pele
29 Mar 2021
Lephata la botsogo la kgaolo ya Kgatleng le tlhophile motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai go nna mmampudi wa go tsaya mokento wa COVID-19 mo kgaolong.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya go kentela mogare wa corona ka Labotlhano kwa kokelwaneng ya Mochudi II, moitseanape wa tsa botsogo jwa setshaba kwa Kgatleng DHMT, Dr Oratile Nfokeng-Selei o tlhalositse fa ba tlhophile Kgosi Sekai gore e nne sekao ka e le moeteledipele wa kgaolo.
Moeteledipele wa lekoko le le lwantshang bolwetse jwa COVID-19, Dr Kereng Masupu ke mongwe wa ba ba tsereng mokento.
A re ba tlhophile gape le bagodi ba le lesome go nna sekao sa letsatsi go tsaya mokento.
O tlhalositse gore go simolola beke e, mokento o tlaa tsewa kwa dikokelwaneng tsa Mochudi I, Mochudi II, Oodi, Rasesa, Mmathubudukwane le Artesia.
A re mokento o, o tsewa la ntlha o bo o tsewa gape morago ga dikgwedi tse tharo.
O rotloeditse banana gore ba thuse bagodi ka tsa ikwadiso mo maranyaneng gore e re ba tsena kwa dikokelwaneng ba fetele kwa mokentong.
A re se se ka thusa ka go fokotsa mela ya ikwadiso.
Dr Nfokeng-Selei o tlhalositse gore mokento o, ga se kalafi, ka jalo go maleba gore setshaba se tswelele ka go diragatsa ditaelo tse di beilweng ke ba botsogo jaaka go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa le go apara dibipa-molomo ka dinako tsotlhe.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Sekai o supile fa a itumeletse tshimolodiso ya mokento a ba a rotloetsa setshaba go tsaya mokento go iphemela mo mogareng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Tshimolodiso mokento
Date : 29 Mar 2021