Breaking News

Morafe o kgokgontsha bagwebi ba motlhaba - kgosi

29 Mar 2021

Kgosi wa Kudumatse, Kgosi Ketshabile Mokgweetsi a re o tshwenngwa ke bangwe ba morafe wa gagwe ba ba kgokgontshang bagwebi ba motlhaba mo motseng.

Fa a bua mo potsolotsong a re bagwebi ba motlhaba ba na le teseletso ya go gweba ka motlhaba mme banni bangwe ba kgoreletsa bagwebi bao. 

A re banni ba motse ba lwantsha bagwebi ka go tswala ditsela tse bagwebi ba tshwanetseng go feta ka tsone.

Kgosi Mokgweetsi o gakolotse fa go na le fa morafe o segetsweng teng go dirisa motlhaba mo malapeng a bone, gape go na le fa bagwebi ba segwetsweng teng. 

A re go ba kgoreletsa ke molato ka jaana bagwebi ba na le teseletso e bile ba duela lekgetho.

O supile fa diteseletso tse, di fiwa sebaka sa ngwaga, mme ba nna ba na le meriti ya tsone go itse gore di fela leng, gore fa di fedile beng ba tsone ba seka ba bonwa ba gweba go fitlhelela ba di shafatsa.

Kgosi a re banni ba motse ba na le tetla ya go gweba ka motlhaba, fela fa ba dira se se tshwanetseng, ba ikopanya le maphata a a maleba go dira teseletso, go na le gore ba kgokgontshe ba ba setseng ba tsere diteseletso tsa go gweba. 

Le fa go ntse jalo, kgosi a re ga a itumedisiwe ke gore bagwebi ba, ga ba thuse motse ka sepe ntswa ba fitlhela motlhaba mo motseng.

Rre Geoffery Kebatlogetse yo e leng monni wa Kudumatse a re morafe ga o a lekodisiwa ka ga bagwebi bao, mme seo se bakile kgotlhang gareng ga bagwebi le morafe.

A re maphata a a maleba a ne a tshwanetse gore a bitse phuthego gore a rute morafe wa Kudumatse ka ga tsamaiso ya motlhaba o o mo motseng.

Rre Kebatlogetse a re sengwe sa tse di bakang kgotlhang fa gare ga bagwebi le morafe ke gore go gweba ka motlhaba ga go thuse motse ka sepe. 

A re ga go na letseno le le tsenang go thusa motse, ntswa bagwebi ba bona dipoelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : KUDUMATSE

Event : potsolotso

Date : 29 Mar 2021