Breaking News

Parwe Class of 1986 e aba dimpho

28 Mar 2021

Baithuti ba pele ba sekole sa Parwe Junior Secondary School, ba abetse sekole seo melora e e bolayang megare, mesangwana ya basetsana, dibipa nko le molomo, diatlana, ditsayamogote le dikhakha tsa matlakala tse di lopileng madi a a fetang P5 000.

Fa a amogela dimpho tse kwa Mahalapye ka Matlhatso, Mogokgo wa Parwe, Rre Bashi Garebaitse o supile fa badiri le baithuti ba sekole sa gagwe ba le motlotlo go bo baithuti ba pele ba bone go le maleba go ba tswa thuso ka dimpho tsa itshireletso mo nakong e e thata ya segajaja sa COVID-19. 

Rre Garebaitse o ne a akgolela maloko a Parwe JSS Class of 1986 tiro e e molemo e ba e diretseng badiri le baithuti ba sekole seo a re sekole sa gagwe se butse dikgoro go amogela thuso nngwe le nngwe fela e e ka nonotshang tokafatso maduo. 

“Puso e na le letlhoko le le ntsi la didirisiwa go kgothatsa bodiredi ga mmogo le baithuti. Jaanong re ikaegile mo batsading le ba-na-le seabe ka go farologana. 

Ka jalo, go molemo go bona le bone go le maleba go gadima kwa morago le bo le gopola sekole sa lona sa pele,” ga bua Rre Garebaitse.

Sekole sa gagwe, a re se amogela thuso nngwe le nngwe.

A re sekole seo ke sa bone, e bile ke bone ba itseng ditso tsa sone ka se simologetse mo go bone. 

A re go botlhokwa gore ba tswelele ba tshwaraganetse thuto le ba-na-le seabe ba ba tshwanang le bone.

Rre Garebaitse o supile fa sekole sa Parwe se tsweletse ka go ntsha maduo a mantle mo ditlhatlhobong, a tlatsa ka go re go tloga dingwaga tse tlhano tse di fetileng se ntse se eme ka mokgwa o le mongwe fela.  

Fa a rola dimpho, mo boemong jwa maloko a Parwe JSS Class of 1986, Mme Gokatwemang Sololo o tlhalositse fa ba ne ba dumalana ka mowa o le mongwe go abela sekole sa bone sa pele dimpho tse di ka sireletsang badiri le baithuti mo segajajeng sa COVID-19. 

Dimpho tse, a re ba kgonne go di reka ka go kokoanya madi go tsweng mo dipateng tsa bone. 

 Mme Sololo o akgoletse bodiredi jotlhe jwa Parwe go bo ba santse ba tsholeditse serodumo sa sekole sa bone ka go ntsha maduo a mantle. 

A re sekole sa Parwe se tswa kgakala se dira bontle mo dithutong.

Mo boemong jwa maloko a komiti ya COVID-19, Modiri wa Parwe, Mme Opelo Motaneko o lebogetse Modimo go bo o gwetlhile maloko a Parwe JSS Class of 1986 go gopola sekole sa bone sa pele. 

“Ke leboga Modimo ka lona, ka gore ga se ka go rata ga lona, mme ke ka tlhotlheletso le lorato lwa Modimo gore le bo le bone go tshwanela gore le re abele dimpho tse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Mar 2021