Breaking News

A thuto ya bana e tle pele - Setlalekgosi

28 Mar 2021

Mothusa modulasetilo wa khansele- potlana ya Mahalapye, Rre Thebe Setlalekgosi o kopile gore thuto ya bana e tle pele ga ditlhabololo tsotlhe tse di dirwang mo metseng.

O buile jaana ka Labone, fa a abela dikole tse dipotlana tsa Kudumatse le Mokoswane ga mmogo le kgotla ya motse wa Setsile melora, di bolaya mogare le di bipa nko le molomo.

Mothusa modulasetilo yo gape e leng mokhanselara wa Mookane, o kopile dikgosi, mokhanselara le komiti ya ditlhabololo tsa motse gore fa ba buisana ka tiriso ya madi a ditlhabololo ba tseye tsia letlhoko la thuto jaaka go oketsa matlo a borutelo.

O boletse gore go aba melora, di bolaya mogare gammogo le di bipa nko le molomo mo dikoleng ke sekao sa gore thuto e tla pele.

Kgosi Otimilwe Sekana wa Kodumatse o lebogetse Rre Setlalekgosi le lekoko la gagwe se ba se dirang, a supa fa go tsaya karolo mo thutong e le selo se se golo ka jaana bana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno.

O ne a rotloetsa makhanselara gore ga ba a tshwanela go bonwa ka nako ya fa ba kopa tlhopho fela, mme ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go emela setshaba, ba  thusa fa go tshwanetseng teng.

Kgosi Senau Ramaribana wa Setsile o ntshitse matshwenyego a gore motse wa bone ba bona batho ka nako ya ditlhopho fela, ka jalo a lebogela se Rre Setlalekgosi le lekoko la gagwe ba se dirileng, a supa fa seo e le sekao sa gore le bone ba tsewa tsia.

A re mo motseng, batho ba itshetsa ka Ipelegeng fela, mme ba tshwanelwa ke go tlamela bana mme seo se bokete.

Fa a lekodisa ka seemo sa sekole, mogokgo wa Mokoswane, Mme Itumeleng Marumo-Kgakole o ne a re bana ba ba tsenang sekole ba tswa mo Setsile ga go motlhofo ba fetsa sekole ka ntlha ya letlhoko la batsadi.

Mogokgo wa Kudumatse, Mme Kekgopye Ramadila a re le ntswa maduo a bone a nametsa, ba na le dikgwetlho jaaka go tlhoka motshine o o ntsifatsang dipampiri. 

A re fa bana ba kwala ditlhatlhobo, ba patelesega go ya Mahalapye go ya go dira dipampiri tsa ditlhatlhobo, mme ba sena sepagamo.

Rre Setlalekgosi o ne a solofetsa mogokgo wa Mokoswane gore o tlaa itlama gore a thuse bana ba le babedi ba ba tswang Setsile ka tse ba di tlhokang.

O solofeditse gape gore e tlaa re fa sekole sa Setsile se sena go bulwa, a se thuse ka melora, di bolaya mogare gammogo le dibipa nko le molomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : KUDUMATSE

Event : kabo dimpho

Date : 28 Mar 2021