Kedikilwe o kgothatsa setshaba
28 Mar 2021
Mothusa Tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o rotloeditse banni ba kgaolo ya Selebi Phikwe go tsaya lomao la mogare wa COVID-19 go fokotsa manokonoko a mogare mo setshabeng.
Fa a bua ka letsatsi la tshimolodiso lemao mo kgaolong ya Selebi Phikwe ka Labotlhano, Dr Kedikilwe o ne a re lefatshe leno ke lefatshe le le nnye le le nang le palo e e seng ntsi ya batho, ka jalo go botlhokwa gore puso e tseye boikarabelo jwa go sireletsa Batswana mo segajajeng se se setseng se gapile matshelo a batho ka bontsi lefatshe ka bophara.
“Re tshwanelwa ke go babalela lefatshe la rona le batho ba lone gore bana ba rona ba kgone ba akole ledula le meamuso e mo nakong eno re e akolang.”
A re fa Batswana ba ka seke ba fenye ntwa kgatlhanong le COVID-19, tse ba ntseng ba di akola di tshwana le tsamaiso ya puso ya batho ka batho le tsamaiso ya go sala molao morago di tlaa ba latlhegela.
Dr Kedikilwe yo e bileng e le Mmampodi wa lemao le mo kgaolong ya Selebi Phikwe, a re go mo maruding a Batswana go intsha mo mathateng a mogare gore ba boele mo botshelong jo ba neng ba bo tshela pele mogare o nna teng.
A re go tsaya lemao le go sala morago ditaelo tsa ba botsogo, go ka thusa gore botshelo jwa Batswana bo seka jwa fetoga thata.
Le fa go ntse jalo, a re go na le digogelathoko tsa dikgang tse di senang boammaaruri ka lemao le, a re puso ga e nke e dira dilo e sa sale tsamaiso ya mafatshe ya botsogo morago.
O rotloeditse Batswana go tlhokomologa dikgang tse di senang boammaaruri tse di ka ba itsang gore ba seka ba tsaya lomao mme a kopa setshaba go tshwaragana le puso go lwantsha kanamo ya mogare.
Dr Kedikilwe o ne a fiwa mokento e le ene motho wa ntlha go kentwa mo kgaolong ya Selebi Phikwe.
Fa a tswa la gagwe, Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana a re go botlhokwa gore banni ba kgaolo ya Selebi Phikwe ba tseye lemao la COVID-19 go fokotsa manokonoko a bolwetse jo mo matshelong a bone.
A re le fa lemao le le tsile go thusa go fokotsa kanamo ya mogare le dintsho, go botlhokwa gore setshaba se tswelele ka go sala ditaelo tsa botsogo morago ka go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa, go dirisa dibolaya mogare, go rwala dibipamolomo le go katologana.
A re lemao le ga le kganele gore motho a tsenwe ke mogare mme le fokotsa bokete jwa mogare, ka jalo go botlhokwa gore setshaba se tswelele ka go ipabalela kgatlhanong le mogare.
Rre modimana, molaodi wa Selebi Phikwe Rre Mokgethi Nfila, Kgosi Maureen Mphoen wa Mmadinare, e nnile bangwe ba batho ba ntlha go tsaya lemao le.
Lemao le le tlaa fiwa ka dikarolo mme karolo ya ntlha e e simolodisitsweng e tlaa akaretsa badiredi ba botsogo le bodiredi jo bongwe jo bo di gogang kwa pele mo go lwantsheng COVID-19 ga mmogo le bagolo ba ba dingwaga tse di masome matlhano le botlhano le go feta ba ba tshelang ka makoa.
Karolo ya bobedi e tlaa itebaganya le bodiredi jo bo itebagantseng le tsa itsholelo jaaka bagwebi le ba bojanala, fa karolo ya boraro e tlaa akaretsa mongwe le mongwe yo dingwaga tse di lesome le boferabobedi le go feta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Tshimolodiso mokento
Date : 28 Mar 2021