Breaking News

Ba ipelafatsa ka letsatsi la ipapatso

25 Mar 2021

 Bagwebi ba babotlana ba kgaolo ya Palapye ba rotloeditswe go tsaya karolo mo letsatsing la ipapatso ka le a busetsa e bile le dira gore batho ba itse go le gontsi ka dikgwebo potlana tsa bone.

Modiri wa tsa selegae go tswa khanseleng-potlana ya Palapye, Mme Ndiye Keakantse a re letsatsi la ipapatso le le neng le rulagantswe ke khansele ka Laboraro le ne le nna le dirwa kgwedi le kgwedi mme ka lebaka la COVID-19 le dirwa kotara nngwe le nngwe.

A re letsatsi le, le itebagantse le bagwebi ka go farologana ba ba mo dikgwebong ka mananeo a puso le ba ba itshimololetseng ka madi a bone.

Mme Keakantse o supile fa mo nakong ya gompieno, ba tlhophile bagwebi ba le palo potlana ka mabaka COVID-19.

A re letsatsi le, le thusa bagwebi go arogana maele ka tsa kgwebo le gore ba ka tswelela pele jang le fa ba kopana le dikgwetlho.

 A re bagwebi ba le bantsi ba setse ba itsege mo dikgaolong ka ba nna ba tsaya karolo mo letsatsing la ipapatso.

Morui wa dikoko tsa mae kwa Palapye, Mme Mmamerafhe Obokeng wa dingwaga tse di masome marataro le bone, a re o simolotse kgwebo ka thuso ya lenaneo la nyeletso lehuma ka Tlhakole. 

A re o thusitswe ka dikoko di le masome a matlhano le bone le dijo tsa dikoko.

O tlhalositse fa a nnile le sebaka sa go isiwa dithutong sebaka sa beke go anywa kitso ka thuo ya dikoko tsa mae. 

A re o ikemiseditse go lepalepana le kgwetlho tse a tlaa kopanang natso mo kgwebong.

Mme Obokeng a re kgwebo e e tokafaditse botshelo jwa gagwe ka pele ga a fiwa lenaneo, o ne a itshetsa ka go bereka Ipelegeng le go rekisa bojalwa jwa Setswana.

A re le fa kgwebo ya gagwe e santse e le ntsha, Batswana ba e amogetse ka ba a mo etleetsa.

O rotloeditse botlhe ba ba ikopetseng go thusiwa ka mananeo a puso go nna pelo telele

Mogwebi yo o itshetsang ka go apaya a bo a rekisa dijo, Mme Tapologo Joseph, wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro a re o simolotse kgwebo ka 2015 ka thuso ya Nyeletso Lehuma. 

“Ke dira kgwebo e ke le nosi mo nakong ya gompieno ka ke direla mo lwapeng.

Ke rekisetsa gongwe le gongwe ka ga ke na fa ke direlang teng,” ga tlhalosa Mme Joseph.

Mme Joseph a re kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke ya letlhoko la lefelo le a rekisetsang mo go lone ka fa dipula di na di babalela kgwebo ya gagwe fela thata. 

A re pele go nna le seru sa segajaja sa COVID-19 kgwebo ya gagwe e ne e dira sentle, mo nakong ya gompieno go thata ya lentswe mo kgwebong mme se se mo itumedisang ke gore ga a tshwane le motho yo o nnang fela mo lapeng a sa bereke.

O supile fa letsatsi le la ipapatso le le mosola thata ka gore fa ba tswa mo go lone batho ba le bantsi ba ba ba boneng ba felela ba itse ka dikgwebo tsa bone. 

O ne a rotloetsa bagwebi ba ba sa nkeng ba tsaya karolo mo letsatsing le go nna ba iponagatsa mo letsatsing le ka le le botlhokwa thata mo go bone gore ba tle go ipapatsa ka bontsi jwa bone ba sa itsege ka ba direla mo malapeng a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : PALAPYE

Event : letsatsi la ipapatso

Date : 25 Mar 2021