Bogole ga bo a tshwanela go nna sekgoreletsi
24 Mar 2021
Mo-na-le-bogole kwa Serowe, Rre Bagali Kesebonye, a re bogole ga bo a tshwanela go nna sekgoreletsi sa go itirela.
O ne a bua ka Mosupologo kwa thuto puisanong ee neng e rulagantswe ke Tsholofelo Rehabilitation Centre e tshwaragane le First National Bank (FNB) kwa Serowe.
Rre Kesebonye o supile fa mo-na-le-bogole a kgona go itirela fela jaaka yo o senang bogole.
O ikaile fa a ruile dikgomo le dikoko.
Rre Kesebonye a re go tsena mo kgwebong go batla motho a ikiteile ka thupana ebile a na le lerato mo kgwebong e a tsenang mo go yone.
A re kgwebo e tlhoka gore mong a e lekole ka dinako tsotlhe gore a kgone go bona makowa a yone le gore a e na le dipoelo kana ditatlhegelo.
Rre Kesebonye a re motho yo o nang le bogole ga a a tshwanela go tshabela kgakala a ipolelela gore ga a kake a kgona go itira sepe.
O rotloeditse ba-na-le-bogole go itsosa, ba batle ditsela tsa gore ba ka itshetsa jang le gore ba ka bula dikgwebo dife ka bontsi jwa bone ba na le bokgoni.
Mookamedi wa Tsholofelo Rehabilitation Centre, Mme Lesego Bolaane, o supile fa matshelo a ba-na-le-bogole a tlhoka go tokafadiwa, bogolo jang mo itsholelong.
A re ke sone se FNB, Tsholofelo Rehabilitation Centre le makalana a a farologaneng a kokoantseng ba- na-le bogole go ba fa dithuto, thotloetso le sebaka sa go fokotsa manokonoko a itsholelo e e kwa tlase.
A re Tsholofelo Rehabilitation Centre ke mmueledi wa ba-na- le-bogole mme ga go na mo- na-le-bogole yo o tlang kwa lekgotleng la bone a bo a tswa a sa thusiwa.
A re fa mo-na-le-bogole a sa kgone go bona dithuso tse di ntshiwang ke Tsholofelo Rehabilitation Centre, ba mo isa kwa a tshwanetseng go ya teng ba bo ba nna ba mo lekola go bona gore a o ne a bona thuso kwa ba mo rometseng teng mme fa a ise a e bone, ba dira gotlhe go fitlhelela a e bona.
Modiri wa FNB Serowe, Mme Veronica Lesiapeto, o supile fa kgwebo e tlhoka gore yo o e dirang a itse gore e tlhoka bokae le gore e dira madi a a kae go sa kgathelesege gore a e tsamaisiwa ke mo-na-le-bogole kana jang.
A re kgwebo e batla mong wa yone a nne teng ebile a e itse ka o tshwanetse a nne a kwala se se diragalang gore a tswelele sentle.
A re ba-na-le-bogole ba na le bokgoni ebile bangwe ba kgona go dira dikgwebo tse di gaisang tsa ba go dumelwang ba sena bogole, di bo di tswelela fela thata.
Mme Lesiapeto o kopile ba-na-le-bogole go tsaya dithuto ka tlhwaafalo ka e le tsone tse ba tlaa di dirisang fa ba bona dithuso tsa dikoko le go lema merogo go tswa kwa FNB mo nakong e e tlang.
Mothusa motshwarelela bogosi jwa ga-Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o akgoletse FNB go bo e bone go tshwanela gore e re ka nako e letlhoko la madi le leng kwa godimo ntateng ya segajaja sa COVID-19, ba bo ba dira maitlamo a go thusa setshaba.
O rotloeditse FNB go tswelela ka go thusa setshaba a bo a kgothatsa ba-na-le-bogole go tsaya dithuto ka tlhwaafalo ka di ka ba sologela molemo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Thuto puisano
Date : 24 Mar 2021