Breaking News

Bodiredi jwa dikole bo abela monni ntlo

24 Mar 2021

 Bodiredi jwa dikole tsa Chadibe Rapid Skill Training Centre (CITF) le  sekole se sebotlana sa Chadibe le komiti ya tlhabololo tsa motse bo agetse Mme Esther Kethodilwe ntlo.

Ntlo ya gagwe e ne e rutlomolotswe ke dipula morago ya sha yabo ya lora.

Ntlo e ya dikamore tse tharo, e rotswe ka Mosupologo kwa Chadibe kwa Kgosi Mmolobota Rabojang a neng a lebogela lerato le tirisano mmogo.

Kgosi Rabojang O tlhalositse fa go ne go sa itsiwe se se neng se bakile molelo.

A re tiro e weditswe ka go kgobokanya tse ba ka di kgonange   le dithuso go tswa mo bathong.

O supile fa Mme Kethodilwe jaanong a na le seriti ka go na le kwa a tshabelang pula le diphefo teng. A re ke lantlha tiro ya mofuta o, e diragala kwa Chadibe mme o eletsa fa mowa oo ka jwalelela mo dipelong tsa morafe gore fa motho a wetswe ke seru a thusiwe.

Mogokgo wa sekole sa CITF, Rre George Maiketswane, a re maikaelelo magolo e ne e le go busetsa seriti sa ga Mme Kethodilwe mme ba seka ba ineela go fitlhela se neng ba batla go se dira se atlega.

Rre Maiketswane o ne a ikuela mo setshabeng go thusa ka go gokela pompo ya metsi, le go akelela lelwapa go itsa go tsenwa gongwe le gongwe.

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang, a re go botlhokwa go leba ba ba mabapi go bona gore ba tshela botshelo jo bo siameng e seng go tshela sentle o le nosi, ka Baebela ya re rata yo mongwe jaaka o ithata.

“Re mo nakong e e leng gore puso e batla go fetola itsholelo ya lefatshe mme se setona e le itsholelo ya lelwapa,” Dr Gobotswang a supa.

A re o kgathilwe ke go bona maphata a a farologaneng a puso a tshwaraganetse tiro.

Dr Gobotswang a re Mme Kethodilwe o lekile go tlhabolola itsholelo ya lelwapa la gagwe mme ka go tlhoka lesego ntateng ya dibetso tsa tlholego.

Fa a amogela mpho, Mme Kethodilwe yo o nang le bana ba le barataro o lebogile a bo a supa fa a itumeletse kemo nokeng le tlotla e a e filweng ke ba ba mo thusitseng.

“Selelo se ke neng ke se lela bosigo le motshegare le se fetotse boitumelo mo nakong ya gompieno,” Mme Kethodilwe a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : CHADIBE

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Mar 2021