Breaking News

Mokento o tlaa thibela kanamo

24 Mar 2021

Mokento wa Astrazeneca o tlaa thusa lefatshe leno go lwantsha segajaja sa COVID-19. 

Motlhatlhelela dithuto tsa botsogo, Mme Lesego Ranko, o boletse se kwa phuthegong ya boeteledipele jwa dikgotlana tse di farologaneng mo Gaborone ka Labobedi.

 Phuthego e ne e biditswe go bua le baeteledipele gore ba thuse go lemotsha setshaba  fa mokento o tlaa simololwa go dirisiwa mo setshabeng le ntswa letsatsi la go simolola le ise le bolelwe.

Mme Ranko a re ba biditse bogogi jwa setshaba ka ke jone bo itseng matshwenyego a morafe. 

A re batho bangwe ba malala a laotswe go kentiwa fa bangwe ba sa tlhaloganye e bile ba sena maikaelelo a go dumela go kentiwa.

 Mma Ranko  o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya ba botsogo le boeteledipele jwa morafe go lwantsha mogare wa corona. 

Go tlaa simololwa ka go kenta bagolo ba ba dingwaga tse masome a matlhano le botlhano e bile ba na le makoa a ba tshelang ka one, Mme Ranko a bolela. 

A re lekoko la ba botsogo le thusiwa  ke baeteledipele bangwe mo setshabeng le tlaa tsweledisa ka go kenta setshaba mme go simololowa ka ba ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo.

A re lephata ga le jesiwe diwelang ke kanamiso ya dikgang ke metswedi mengwe ya dikgang e e bolelang fa Astrazeneca e sa siamela botsogo jwa batho.

 “Ke sone se re laleditseng palamente ya motse go tla go goga ka yone. Re batla go re le re thuse go bolelela setshaba go amogela se puso e se buang. Ga gona ka fa puso e ka bolayang setshaba ka teng. Selo se le ntseng le se utlwalela ke magatwe a go tsietsa setshaba.”  

Dr Mothusi Mogatle, yo e leng moeteledipele wa dingaka mo Gaborone le tikologo, a re COVID-19 e anama, ka jalo o rotloeditse go re balwetse ba ba sa gatelelwang ba tlhokomelelwe kwa malwapeng. 

O boletse fa bolwetse bo fetotse tsamaiso ya ditiro jaaka diphitlho gore ditsamaisiwe ka fa ditselaneng tsa go thibela mogare.

Mooki mogolo wa Gaborone le tikologo, Mme Direpang Segosebe, maikaelelo a phuthego e ne e le go nonotsha boleng jwa beng gae. 

A re ke sone se ba biditseng bogogi jwa batsadi le barutabana, bogogi jwa dikgotlana le baba gakololang bana kwa dikoleng go etelela ba botsogo pele go lwantsha mogare.

“Setshaba se tshwanetse go etelelapele go supa boikarabelo. Se tshwanetse go tshegetsa ditsetlana tsotlhe tsa go lwantsha COVID-19, se nne ntebela ke go lebele, se tswe ka megopolo go e neela ba botsogo.” 

Mme Segosebe a re go dira jaana go supa gore ba botsogo ba rekegela setshaba. 

 A re phuthego e ne e itebagantse le go rotloetsa go lwantsha kanamo ya mogare mo setshabeng le go o thibela ka go nonotsha tirisanyo mmogo ya boeteledipele jwa setshaba.

Fa a latlhela la gagwe, Mme Obatleng Mokgosi, yo e leng mogakolodi wa bana go tswa kwa Gaborone West Community Junior School a re mathata a ba a lemogileng kwa dikoleng ke go kgotlhagana ga bana pele ba tsewa mogote le go tlhamalela kwa ntlung ya borutelo ke barutabana bangwe fa ba tsene morago ga nako. 

A re  go tlhoka didirisisiwa jaaka metshine e e ntshang meriti ya dipampiri go na le seabe ka go kgotlhaganya bana, go rutela mo matlwaneng a borutelo a a sa tlhatswiwang ka dibolaya megare fa bana ba ba tsenang maphakela ba tswa le go amogana dibipa melomo le dinko ga bana.

 Mr Dickson Baoki, mothusa modulasetilo wa komiti ya dithabololo kwa Segoditshane, ene a re go nwa bojalwa phetelela ga batho bangwe, e bile ba fapaanela se ba nwang ka sone go oketsa kanamo ya mogare. 

O boletse go re bagogi ba motsoko le bone ba kgona go fapaanela peipi, a re boitshwaro jwa go nna jaana bo tsuulola maikaelelo a puso go bereka ka natla go nyeletsa mogare mo setshabeng. 

O tsweletse a re batsadi ba tshwanetse go kgalemelela bana go fokotsa go gobea mo marekisetsong fa sekole se dule, e bile ba tsamaya ka ditlhopha tse di tona.  

Rre Baoki o ne a kopa setshaba go tlogela go tsiediwa ke metswedi ya dikgang ka batho ba ba itlhamelang se e seng boammaruri, mme ba amogele se puso e se tshotseng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 24 Mar 2021