Breaking News

Banana ba Robelela ba itshetsa ka temo

23 Mar 2021

 Rre Thato Toteng wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe le Rre Kedumetse Tshegofatso wa ngwaga tse di masome a mararo le boraro ke bangwe ba banana ba ba inaakantseng le temo kwa masimong a Gorujwang gaufi le Mmadinare.

Bobedi jo bo tlhalositse fa bo ne bo babaletswe ke letlhoko la ditiro mme ba thulanya ditlhogo go tswa ka maano a go dira madi.

Temo e ne ya nna yone e ba bonang e ka arabang selelo sa bone.

Rre Toteng o kaile fa ba simolotse go lema merogo, ditamati le green pepper ka 2019 mme ba lemoga fa botshelo bo le teng mo temong ka thobo ya bone ya ntlha e ne ya ba direla madi.

A re kgaolo e ba lemang kwa go yone e dikaganyeditswe ke dinoka mme metsi ga a sa sokodise ka ba goga fela mo nokeng ya Shashe go nosetsa dijwalo le go siela leruo.

Rre Toteng a re mmaraka ga o tshwenye ka mo nakong ya gompieno, sekole se se botlana sa Robelela se reka kwa go bone ga mmogo le bagwebi ba ba botlana ba Mmadinare le Selebi Phikwe.

Rre Tshegofatso o supile fa a eletsa go bona puso e abela banana lefatshe la temo ka ba setse ba supile fa ba na le bokgoni jwa go jesa lefatshe.

A re ntateng ya letlhoko la madi le di dirisiwa, ba santse ba lema ekere e le nngwe ka madi a ba a bonang a sa lekane go reka tsotlhe tse ba di tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : ROBELELA

Event : Posolotso

Date : 23 Mar 2021