Molao wa bojalwa o tlaa sekasekwa
23 Mar 2021
Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo le simolodisitse semmuso dipuisanyo tebang le go fetola molao wa thekiso ya bojalwa.
Fa a lekodisa setshaba ka Labobedi, Tona wa lephata leo Mme Peggy Serame, o ne a supa fa molao wa thekiso ya bojalwa o sale o tlhomiwa ka 2003 mme o tlhoka go baakangwa gore o itepatepanye le dikgwetlho le dintllha dingwe tse di tsweletseng ka go tlhagoga.
Mme Serame a re dipuisanyo tseo di simolosiditswe semmuso kgwedi eno e le malatsi a le masome a mabedi le boraro mme di solofetswe go wela morago ga kgwedi tse tharo.
A re di tlaa akaretsa ba-na-le seabe ka go farologana ga mmogo le banwi le barekisi ba bojalwa.
O bile gape a supa fa magosi le one a tlaa tsaya karolo ka jaana molao o ama majalwa a setso.
Mme Serame a re dintlha dingwe tse di tlaa sekasekwang di akaretsa go fetola tsamaiso le tumalano ya tse di tlhokegang pele moikopedi a ka fiwa teseletso ya go rekisa bojalwa.
A re ntlha e e mo tirisong e lopa gore ope yo o ka fiwang teseletso ya go rekisa bojalwa, marekisetso a gagwe a bo a le sekgala sa dikgato di le makgolo a matlhano go tswa fa marekisetsong a mangwe, tsela, sekole le kereke.
A re seo se baya baikopedi ka fa mosing ka jaana mealo ya mafelo a marekisetso a bojalwa e farologana mo ditoropong le kwa magaeng, o bile gape a re seo se dia le yone thulaganyo ya go aba diteseletso.
A re seemo seo se felela se patika ba ntlha eo e ba bayang ka fa mosing go dira dikopo tse di faphegileng mme go felele go baka mosuke ka jaana baikopedi ba nna bantsi.Mme Serame a re kakanyo e nngwe e e tlaa sekasekwang ke ya go rekisa bojalwa mo mafelong ka bontsi a a farologaneng a akaretsa marekisetso a leokwane le a a mangwe a a etelwang ke batho gangwe le gape.
A re seo e tlaa bo e le go dira maiteko a go tlhofofatsa ponalo ya bojalwa, a re go itshupa fa bangwe banwi ba bojwala ba bo bona ka tshokolo mme fa ba bo bona ba bonwe phetelela ba felele ba baya matshelo a bone mo kotsing.
Go sale foo, Mme Serame a re dinako le malatsi a thekiso ya bojwala di tlaa seka sekwa go ka okediwa kgotsa go ka fokodiwa, a supa fa a sa itumedisiwe ke gore morago ga gore bojalwa bo bulelwe mangwe marekisetso a dijo le dino a fetotswe mafelo a maitiso a bosigo jotlhe.
A re ntlha e e tlaa sekwa sekwang ke yone ya go fa ba ba nang le bokgoni jwa go dira majalwa sebaka, a re majalwa a a dirilweng a tlaa sekwa sekwa mme fa a amogelesega a tlaa rekisiwa mono gae le mo mafatsheng a sele.
Mme Seame a re go tla dirisiwa metswedi e e farolganeng ya maranyane go buisana le ba-na-le seabe.A re fa dipuisano tso di weditswe, di tla bewa ba molao pele go supa dintlha tse di ka fetolwang kgotsa tsa tlalelediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Tekodiso setshaba
Date : 23 Mar 2021



