Bogodu jwa leruo bo a tshwenya
22 Mar 2021
Kgosi wa Robelela kwa kgaolong ya Legare a re bogodu jwa leruo bo ba apesitse kobo ka letshoba.
Kgosi Phillip Tamocha o tlhalositse se mo potsolosong, a supa fa ditonki le dipodi di utswiwa thata.
Kgosi Tamocha a re Robelela o bapile le molelwane wa Zimbabwe ka jalo go le motlhofo go tlodisetsa leruo mo ntlheng e nngwe ya lefatshe.A re mo nakong e e fetileng, dikgomo ke tsone tse di neng di utswiwa mme gompieno seemo se fetogile ka ba simolotse go utswa ditonki le dihutshane.
A re mo nakong ya gompieno go thata go latedisa leruo le le utswilweng ka lebaka la bolwetse jwa COVID-19, a re le fa go ntse jalo, tirisano mmogo ya mapodise a Botswana le a Zimbabwe e thusa thata mo go lwantsheng bogodu jwa loruo.
Mo go tse dingwe Kgosi Tamocha o ne a tlhalosa fa morafe o beile ditema ka bontsi mme tsholofelo ke gore ba tlaa dika ba bone thobo e e botoka ka ditlou le tsone di sa tlhole di tshwenya thata kwa masimo.
A re le ntswa dipula di nele ka bokete, batho ga ba a ka ba kokonelwa ke manokonoko a ditla morago tsa yone gona le mo dingwageng tse di fetileng ka bontsi jwa batho ba ba neng ba sena bonno ba ne ba agelwa matlo.
O ne a supa fa a leboga puso le ba ba neng ba bona go le botlhokwa go agela ba ba neng ba sena fa ba ka latsang tlhogo teng ka seo ka bo sone se ba neetse seriti.
Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a supa fa COVID-19 e tsweletse ka go anama kwa motseng oo mme a tlhagisa mogafe go itlhokomela ka go sala morago ditaelo tsotlhe tsa ba botsogo.O ne a supa fa go na le batho bangwe ba ba santseng ba sa sale melawana ya ba botsogo morago,a tlhalosa fa e ne ya re mo nakong e e fetileng batho bangwe ba lebisiwa melato ya go apaa bojalwa ka nako e go neng go sa letlelelwe.
Kwa bofelong o ne a tlhalosa fa malatsi a boikhutso a a tumela mme a kgothatsa morafe go nna mo malwapeng ka go ne ga supafala fa mogare o ne wa anama thata ka malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : ROBELELA
Event : Posolotso
Date : 22 Mar 2021



