Breaking News

Kereke e botlhokwa mo go lwantsheng COVID-19

22 Mar 2021

Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Dr Tebogo Motlhagodi, a re seabe sa kereke se botlhokwa thata mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa corona.

Fa a buisa maloko a kereke ya Haleluya kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, Dr Motlhagodi o boletse fa puso e ka seka ya kgona go tlhabantsha segajaja sa  COVID-19 ele nosi.

A re go botlhokwa gore dikereke di eme puso nokeng ka go ruta maloko a tsone bodiphatsa jwa mogare o le go ba rotloetsa go nna mo malapeng go fokotsa metsamao, go tlhapa diatla, go rwala dibipa molomo le nko gammogo le go katologana.

O rotloeditse dikereke go sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a tlhalosa fa lefatshe leno le tsweletse ka go latlhegelwa ke batho ntateng ya mogare wa covid-19. 

Le fa go ntse jalo, Dr Motlhagodi a re go a tshwenya go bona dikereke tse dingwe di sa sale ditaelo tsa botsogo morago ka go kgobokanya dipalo tse dintsi tsa batho ga mmogo le go tshwara tirelo ya kereke go feta dioura tse pedi.A re molao fa o beilwe ga o tlolwe, mme mongwe le mongwe o tshwanetse go sala ditaelo tsa ga Tautona morago.

A re maloko a mangwe a kereke a santse a bonwa bosigo go feta dinako tsa kiletso mesepele baya go rapela kwa dithabeng, mme a kgalema gore go dira jalo go eme.

O ba kopile gape go nama ba emisitse ditirelo tsa paseka go itsa go kgobokanya batho ka dipalo tse dintsi.

Dr Motlhagodi a re bangwe le bangwe fa ele sengwe batla itshwarela paseka kwa ba leng teng ebile ka dipalo tse di letleletsweng ke puso.

Mo go tse dingwe, Dr Motlhagodi o ne a kgala dintwa tsa baeteledipele ba dikereke tse go le gantsi go lwelwang maemo mo kerekeng.

O rotloeditse dikereke tsa semoya go nna le molao motheo ga mmogo le lenaneo la ka fa maemo a bone a tlhatlhamang ka teng go itsa dintwa mo kerekeng.

A re baeteledipele ba emise go dirisa maikutlo a bone mme ba sale molao motheo wa kereke ya bone morago.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa banana wa kereke ya Haleluya, Mme Judith Tayane o ne a bua a sa kgwe mathe ka kgokgontsho ya mo malwapeng.

A re kereke ya gagwe e dirile lekalana le le tla itebaganyang le kgokgontso eo, a tlhalosa fa puso e tshwenyegile fela thata ka kgokgontsho ya bong.

O kopile maloko a kereke ya gagwe go nna matlho a setshaba, le go loma ba molao tsebe fa ba bona ditiragalo tsa kgokgontsho.Mme Tayane o rotloeditse maloko go rekegalana maikutlo fa ba bua go itsa kgokgontsho mo dikerekeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego

Date : 22 Mar 2021