Breaking News

Setlhopa se abela sekolo sa Makome

21 Mar 2021

 Setlhopha sa baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Makome se abetse sekole seo didirisiwa go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Fa a aba dimpho tseo kwa Mmadinare bosheng, moeteledipele wa setlhopha sa baithuti ba ngwaga wa 1988, Mme Judith Disang o boletse fa maloko a ne a koleka madi go rekela sekole melora e e tlhapang matsogo, dibolaya mogare, diatlana le didirisiwa tse dingwe tsa itshireletso.

A re puso e le nosi ga e kake ya kgona go lwantsha mogare mo dikoleng, ke ka moo setlhopha se ileng sa tsaya boikarabelo jwa go thusa sekole.

Mme Disang a re maikaelelo matona ke go thusa sekole sa Makome gore se ntshe maduo a a kwa godimo mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro.

A re go tlhoka didirisiwa go ka isa maduo a sekole kwa tlase mme se ise le tsone ditlhabololo kwa tlase ka lefatshe le ka tlhabologa thata fa batho ba lone ba rutegile.

Mme Disang o supile fa e se lantlha ba ema sekole nokeng.

Mogokgo wa sekole, Rre Thulaganyo Mbulawa, o lebogetse  thuso ya setlhopha seo.

A re fa mogare wa COVID-19 o ka jwelelela mo sekoleng, o ka tsisa ditlamorago tse di ka felelang di ama maduo a sekole.

O lebogetse thotloetso e sekole se e bonang mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa bana ba ba tseneng koo.

Rre Mbulawa a re go a lebosega go bona ba emetse sekole sa bone ka dinao mme a rotloetsa setshaba go tsaya malebela mo ditlhopheng tse go thusa puso go tlhabolola dikole tse dingwe.A re setlhopha se, gammogo le tse dingwe, di tlhaga fela thata ebile di ba gwetlha go ntsha maduo a a kgatlhang.

Rre Mbulawa a re ba ntse ba na le letlhoko la melora le dibolaya mogare mme jaanong letlhoko la bone le arabilwe.

A re sekole se ipela ka gore bana ba dira sentle thata mo dipalong, a re le fa ba iponetse masome a mane le bone mo lesomeng mo maduong a monongwaga, maikaelelo ke go dira go feta fa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MMADINARE

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Mar 2021