Mogakolodi o kopa batho go itekanya dikoloto
21 Mar 2021
Batswana ba kgothaditswe go itekanya morwalo le go dirisa madi ka fa go tshwanetseng go itsa go iphitisa dikoloto.
Mogakolodi wa tsa madi kwa Calvin Investment, Rre Calvin Phokontsi, o buile se mo thuto puisanong ee neng e rulagantswe ke Competition Consumer Authority (CCA) kwa Tsabong bosheng.
O boletse fa tiriso ya madi e laolwa ke ka fa motho a akanyang ka teng, se se ka feletsang se baka khumo kana khumanego mo botshelong jwa gagwe.
Rre Phokontsi a re go botlhokwa go nna le sekao sa ka fa a dirisang mafi ka teng, a tlatsa ka gore motho o tshwanetse go dirisa nako mo go tse di ka mo tswelang mosola, abo a laole le maikutlo a gagwe, bogolo jang mo marekisetsong.
O ne a gwetlha borre go nna le dikakanyo tsa botshelo tse di ka ba solegelang molemo, a supa fa go tswa goo lowe ba itsiwe ka go akanya ka tse di bogadi bo gaufi, ebile di na le boleng.
O boletse fa go le mo maruding a mongwe le mongwe, yo o iphitlhelang a le mo dikolotong, go itlama go dira se se maleba le go fetola dikakanyo tsa ka fa a dirisang madi ka teng.
Dr Gabriel Maotonyana, yo e leng mosereletsi wa ditirelo tsa dibanka, o ne a supa fa moji moreki a na le dithata le boikarabelo jwa go laola le go dirisa madi a gagwe ka fa a eletsang ka teng, ebile a sa ipatike.
A re ba thusa mo ditirelong tsa dibanka tse di farologanyeng mo lefatsheng leno, kwa ntle ga NDB, BSB le BBS, ka e se maloko a lekalana la bone.
Dr Maotonyana a re go le gantsi baji bareki ba kgona go dira ditumalano, le go itlhaganelela go baya monwana fela ba gabile madi, ba sa tlhaloganye le go bala gore go tlhokafalang eng, se a reng ke go itlhaba ka thipa mpeng.
A re go ka fa molaong gore fa motho a sa kgotsofalele konteraka, o ka ngongorega mo go ba ba maleba, gore e seka ya re phelelong a iphitlhela a jelwe ntsoma.
O kgothaditse Batswana go itlwaetsa go tlhola ka fa madi a bone a tsamayang ka teng mo dibankeng kana di insurance, le go botsa fa ba sa tlhaloganye.
A re go emisa ditumalano go a kgonagala fa motho a sa kgotsofalele ka fa a thusitsweng ka teng, kana a bona go sa mo solegele molemo, selo se a reng Batswana ka bontsi ga ba se tlhaloganye.
Dr Maotonayana o ne a tlhalosa fa go na le melawana e e sireletsang baji bareki gore ba seka ba jewa ntsoma.
O ne a supa fa moreki a kgona go reka dilwana tse di sa berekeng ka go tlhoka go ela tlhoko, mme e re morago a palelwe ke go di busa, ka go tlhoka go sala ditshetlana dingwe morago, kgotsa go tlhoka go baa sesupo sa theko sentle.
Rre Taelo Israel, ene o ne a gakolola Batswana go ithuta go rulaganya ka fa ba dirisang madi ka teng, a re seo se ka ba solegela molemo mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Rre Israel o ne a tlhalosa fa go lemosega fa batho ka bontsi ba iphitisa dikoloto.
O ne a gakolola baji bareki go itlwaetsa go ipeela madi aa ka ba direlang dipoelo le go ba thusa mo diemong tsa tshoganetso, a supa fa “mosele wa pula o ipiwa go sa le gale.”
Mme Ednah Dambe, go tswa ko Money Matters, o ne a gakolola ka botlhokwa ja go ipha nako ya akanya le go rerisanya le motho a tshelang le bone, gore o tlhoka madi e le bokae; go dira eng, pele ga a ya kwa go ba baadimisang madi.
Mogolwane kwa CCA, Mme Gorata Moloise o ne a tlhalosa fa go lemosegile fa Batswana ba le bantsi, ba sena tse di tlhokwang kwa dibankeng go adima madi, a re puso e itlamile go fokoditsa dipalo tseo ka 12 per cent.
O supile fa ka jalo, ba bone go le botlhokwa go tsamaya lefatshe leno ka bophara, ba ruta setshaba ka botlhokwa jwa madi le tiriso ya one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto puisano
Date : 21 Mar 2021



