Breaking News

WUC e solofetsa Draaihoek metsi

21 Mar 2021

 Mogolwane wa khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) kwa Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi, a re seemo sa letlhoko la metsi kwa Draaihoek se tlaa bo se rarabolotswe kgwedi eno e ya fifing.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Draaihoek bosheng, Rre Baitshenyetsi o boletse fa ba tlaa dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tokafatsa seemo. 

A re go na le sediba se se ntshang metsi a dilithara di le 3 000 ka oura mme sediba seo se pompiwa dioura di le lesome le borataro. 

O supile fa sediba seo se ntsha metsi a dilithara di le 48 000 ka letsatsi fa motse one o tlhoka dilithara di le 126 000.

Rre Baitshenyetsi a re badupi ba metsi ba supile fa metswedi ya metsi e se kalo kwa Draaihoek ka jalo go ne ga tsewa tshwetso ya gore go epiwe didiba tse tlhano kwa Makopong kwa metsi a leng mantsi teng. Ka Phalane ngogola go ne ga simololwa go epiwa ga didiba kwa Makopong mme mo bogompienong go setse go epilwe di le tharo. 

A re mo go tse tharo tse di setseng di epilwe, go tlaa gokelwa se le sengwe mo dibekeng tse pedi ka jalo banni ba tlaa simolola go nwa metsi Mopitlo a le masome mabedi le boferabongwe.

Rre Baitshenyetsi o tlhalositse fa letlhoko la metsi kwa Draaihoek le Phepheng le dirwa gape ke gore sediba seo se dirisa engine e kgologolo e e tlhokang go baakanngwa kgapetsa-kgapetsa mme seo se oketse tlhaelo ya metsi. 

Go tokafatsa seemo, Rre Baitshenyetsi o supile gore engine e tlaa rekwa kgwedi ya Moranang e rogwa.

O tlhalositse fa banni ba tlaa gelwa metsi mme a tshelwe mo tankeng e ba tlaa gang metsi mo go yone fa ba santse ba emetse go gokelwa  ga sediba. 

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, o supile fa a tshwenngwa ke letlhoko la metsi kwa Draaihoek le Makopong. 

Ka jalo, a re go botlhokwa go bereka mmogo go tokafatsa seemo seo. 

O supile fa ba ne ba solofetse gore tiro yotlhe ya go phatlalatsa metsi e tlaa akarediwa mo kgaoganyong ya madi ya ngwaga wa 2021/2022 mme ga seka ga diragala. 

A re tlhaloso e ne ya nna gore go phatlalatsa metsi ke namane e tona ya tiro e e ka sekeng e dirwa ke WUC ka ntateng ya tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo. 

Rre Brooks o ne a tlhalosa gore go phatlalatsa metsi go tswa Makopong go ya Draaihoek go tlaa lopa P120 million.

Kgosi wa Makopong, Rre Vincent Phologo o lebogetse WUC go simolodisa tiriso ya motshine o o epang didiba kwa Makopong mme seo se tlaa araba selelo sa letlhoko la metsi mo motseng wa gagwe. 

A re letlhoko la metsi le a tshwenya mme a kopa gore didiba tse di setseng di phuntswe di gokelwe mo nakong e e sa fediseng pelo.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAAIHOEK

Event : phuthego

Date : 21 Mar 2021