Metse e nyoretswe ditlhabololo
18 Mar 2021
Ke keletso ya Motswana mongwe le mongwe go akola ditlhabololo le meamuso ya puso gope kwa a leng teng mme metse mengwe e santse e lebanwe ke leeto le le leele go fitlha mo seemong se se eletsegang sa ditlhabololo.
Mmaphashalala le Mokoswana kwa kgaolong- potlana ya Mahalapye ke mengwe metse e e santseng e eletsa fa puso e ka fefosa go isa ditlhabololo kwa go yone, go itsa go ikaega ka metse e megolo mo kgaolong ka ditirelo dingwe.
Kwa Mmaphashalala, boeteledipele bo supa fa ditlhabololo di tla ka monokela mme seo se dia kgolo ya motse.
Kgosi Captain Kemmapatse Bagatiseng o itumelela go bo mo nakong eno motse oo, o bo o na le motlakase, metsi le tsela e e o gokaganyang le e mengwe mo kgaolong.
Dingwe tse ba di eletsang ke matlo a boroko a badirelapuso ka jaana go na le tlhaelo e ntsi mo nakong eno.
Kgosi Captain Bagatiseng o supile fa seemo sa kokelwana ya motse se sa le kwa tlase ka dikago tsa yone di le dinnye fa go lejwa palo ya balwetse ba ba tlhokang dithuso koo.
Kokelwana eo go ya ka kgosi ga e belegise mme gape ga e na koloi e e rwalang balwetse le fa e le ngaka.
Seemo sa nako eno se motse o thusiwang ke ngaka yo o tlang gangwe mo bekeng go tswa kwa Mookane kgosi o kaya fa se baya balwetse ka fa mosing ka ba sa bone thuso ya tsa botsogo sentle.
Keletso e nngwe ya ga kgosi ke go atolosediwa ga ditlamelo di tshwana le metsi le motlakase kwa ditsheng tse disha go tlhofofaletsa beng ba tsone tiro ya go di tlhabolola.
Letlhoko la ditiro kwa Mmaphashalala ke mmaba yo mogolo yo kgosi a supileng fa tsholofelo e kgolo e ne e le go re banni ba tlaa bona diphatlha tsa mebereko kwa moepong wa magala o o akantsweng wa Mmamabula.
A re tiego ya go bulwa ga moepo, go phirimisitse ditoro tsa banni go ka bona ditiro mo nakong e e gaufi.
Fa a tlhalosa ka tlholego ya Mmaphashalala, Kgosi Captain Bagatiseng o boletse fa motse o tlholegile e le meraka ya Bangwato go tswa Mahalapye, Shoshong le Serowe.
A re motho wa ntlha go thibelela koo mme a tla a nna kgosi wa ntlha wa Mmaphashalala e ne e le Rre Baodubi Sekgoma go tswa kwa lelwapeng la bogosi jwa ga-Mmangwato.
Kgosi Captain Bagatiseng o boletse fa e ne ya re ka 1958 bogosi jwa ga-Mmangwato jwa phatlalatsa banni ba meraka eo, seo e le go itsa go runya ga metse kwa le kwa mo kgaolong.
A re e ne ya re morago banni ba boa ba ikokoanya mme ba ya go thibelela fa motse o leng teng ka nako eno.
Kwa Mokoswana Kgosi Olathamang Ramontsho o supile matshwenyego ka go rothegela ka bonya ga ditlahbololo kwa motseng wa gagwe.
Kgosi Ramotsho o tlhalositse fa Mokoswana a santse a apesitswe ke kobo e ntsho ya lefifi ka a ise a gokelwe motlakase mme gape a tlhaelelwa ke bodiredi jwa puso jo bo botlhokwa bo akaretsa mapodisi le mokwaledi wa kgotla.
A re mo bogompienong banni ba Mokoswana ba tsaya dithuso tsa sepodisi kwa Mahalapye, fa mokwaledi wa kgotla ba mo adima kwa Kudumatse, selo se a boletseng fa se diya go reediwa ga ditsheko.
Kgosi Ramontsho o nesetsa pula kago e e tsweletseng mme e bile e le gaufi le go wela ya diofisi tsa kgotla, a tlhalosa fa e tlaa ba tlhofofaletsa tiro ka ba tlaa bo jaanong ba direla fa go phuthologileng.
E re ka Mokoswana a lebega bontle ka a le phepa, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Sarah Rudolph o tlhalositse fa badiri ba Ipelegeng ba tshwere ka thata go phepafatsa motse ka tshwaragano le banni.
Mme Rudolph a re gangwe le gape banni ba a ikgobokanya ka dikgotlana tsa motse mme ba bolotse letsholo la go phepafatsa malwapa le tikologo, motse o sa le o kganya o le phepa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Mmaphashalala
Event : Potsolotso
Date : 18 Mar 2021



