Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa leso

18 Mar 2021

Mapodisi a Mmathubudukwane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga di le masome a marataro a fitlhetsweng a tlhokafetse gaufi le kgotla ya Matlou kwa Malolwane.

Mookamela mapodisi a Mmathubudukwane, Superintendent Matthews Gatang a re ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e le lesome le bongwe ka nako ya bosupa mo maitseboeng. 

A re moswi o fitlhetswe a bapile le baesekele ya gagwe mme a na le dikgobalo mo tlhogong.

Supt Gatang o tlhalositse fa ba ise ba tlhomamise gore go ka tswa go diragetse eng. Le fa go ntse jalo, Supt Gatang a re ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome marataro go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

O tlhalositse gore mmelaelwa o setse a itshupile kwa lekgotleng la ga Mmakaseterata la ditsheko mo Mochudi, kgwedi eno e le lesome le borataro. A re mmelaelwa o tlaa itshupa gape kgwedi e e tlang e le lesome le boferabongwe.

Supt Gatang o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, ka jalo a kopa setshaba gore fa go na le yo o nang le kitso ka tiragalo eo, a thuse ka ditlhotlhomiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mmathubudukwane

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2021