Breaking News

Monna o sekela go utswa majalwa

18 Mar 2021

Omphile Kamela, wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe wa Thabala, e rile bosheng a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata wa Serowe ka melato e le mene ya go thuba matlo le go utswa.

Mosekisiwa, yo gape a itsegeng ka leina la Madila, go bolelwa e rile ka Moranang ka 2012, a thuba ntlo ya ga Mme Wamodimo Makoko wa Thabala, mme a utswa beke le dilwana tsa bana.

Lekgotla le boleletswe fa a ne a tsamaya ka morwalo oo, a ya go thuba marekisetso a bojalwa a Motimalenyora teng kwa Thabala, mme a utswa majalwa ka go farologana, le dinama tsa dipolone.

Go boletswe fa a ne a siela kwa masimong a Molelejane, kwa basupi bangwe ba supileng fa ba ne ba mo latela teng, mme ba begela mapodisi.

Ntlo ya ga Mme Makoko, e thubilwe a seyo, mme baagisanyi go bolelwa ba bone tiragalo eo. 

Mongwe wa basupi, Rre Seitoi Kenyatsegile wa dingwaga tse di masome marataro le bobedi, o boleletse lekgotla gore e rile ka letsatsi la ditiragalo, a utlwa modumo wa go thuba, mo mosong o motona, mme a lekela teng go bona.

A re ene le bangwe ba babedi, ba ne ba fitlhela mosekisiwa, mme a sia, a tshotse beke e oletse dithoto.

Rre Kenyatsegile o boletse fa ba ne ba mo leleka, mme a ralala sekgwa, ya re kwa pele a latlha beke e mo go yone ba fitlhetseng dilwana tsa bana le majalwa ka go farologana.

O supile fa a ne a sala le beke le dithoto, fa ba babedi ba ne ba leleka mosekisiwa go fitlhelela ba mo tshwara, mme ba mo isa kwa mapodising.

Mme Makoko o ne a bidiwa go tla go supa dithoto tsa gagwe, mme o ne a di kaya sentle. 

Mosupi yo mongwe, Mme Ommonye Gaefele o supile fa a ne a le teng fa mosekisiwa a bolelela mapodisi ka fa a thubileng madirelo a bojalwa ka teng, a bo a utswa majalwa.

Mosekisiwa ga a a ipona molato mo melatong yotlhe e a e lebisitsweng, fa tsheko e tlaa tswelela kgwedi e e tlang, mme go tlaa bidiwa basupi ba bangwe ba le batlhano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2021