Breaking News

Kgosi Mmutle o tlhokafetse

18 Mar 2021

Mothusa kgosi wa Shorobe mo kgaolong ya Ngami, Kgosi Gaditshwane Mmutle o tlhokafetse.

Kgosi yo o tshotsweng ka 1935, o tlhokafala jaana morago ga go lwala ka lobakanyana.

Kgosi yo motona wa Shorobe, Kgosi Molatedi Dingalo o rurifaditse seo mo potsolotsong, a tlhalosa fa kgosi a tlhokafetse makuku a Laboraro kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun.

Kgosi Dingalo a re go tlhokafala ga ga Kgosi Mmutle go amile thata morafe wa Shorobe, ka jaana e ne e le sekgantshwane mo ditirong tsa motse, ga mmogo le tiro ya bogosi. A re e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, a dira tiro ya gagwe ka botswapelo, ka jaana a ne a dumela mo go ntsheng maduo.

Kgosi Dingalo a re loso lwa ga Kgosi Mmutle lo ba garotse dipelo, a tlhalosa fa a ne a thusa morafe thata, bogolo jang ka ditsamaiso tsa puso ka a ne a di tlhaloganya botoka.

A re Kgosi Mmutle e ne le mmantswitswidi wa ditso tsa Shorobe, mme o ne a ba thusa go di tlhalosetsa bajanala kana baeng bape fela, ba ba etelang mo kgaolong ya bone.

A re o ne a tlhaloganya gape le ditso tsa batho ba Shorobe.

Mongwe wa losika lwa ga Kgosi Mmutle, Rre Charles Rupere le ene o boletse fa loso lwa ga kgosi lo ba amile thata, a tlhalosa fa e ne e le pilara ya lolwapa, ga mmogo le losika ka kakaretso.

O mo kaile e ne e le motho yo o ratang batho, e bile a ba tsaya ka tekatekanyo a sa nyenye ope. Rre Rupere a re ba le bantsi ba tlaa mo gopola ka ditiro tsa gagwe tse di molemo mo motseng.

A re pele ga a tsena mo bogosing ka 2012, e ne e le lepolotiki la popota, enbile o kile a nna mokhanselara ka lobaka. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2021