Makhanselara a abela dikole dimpho
17 Mar 2021
Mothusa Modulasetilo wa khansele potlaya ya Mahalapye, Rre Thebe Setlalekgosi o abetse dikole tse dipotlana tsa Flowertown le Xhosa melora e e bolayang megare le dipipa nko le molomo.
Fa a rolela komiti ya COVID-19 ya sekole sa Flowertown dimpho tseo ka Mosupologo, Rre Setlalekgosi, yo gape e leng mokhanselara wa Mookane, o tlhalositse fa kabo dimpho e e le mogopolo wa boithaopo o a o tshwaraganetseng le makhanselara otlhe a Mahalapye Botlhaba.
Dimpho tseo, di akaretsa dikupu tse tharo tsa di 20 litres tsa melora, dipipa nko le molomo di le 50 le mabotlojana a melora e e bolayang megare a bodiredi jwa dikole.
Rre Setlalekgosi a re ka khansele e santse e lebanwe ke letlhoko la madi, ba ne ba bona go le maleba gore ba ikanape dipata, ba rekele dikole tsotlhe tsa kgaolo ya bone melora e e bolayang megare le dipipa nko le molomo.
Mo tirong eo, o ne a patilwe ke makhanselara a; Flowertown/Boseja, Rre Tumelo Koolekanye, Makwate/Taupye, Rre Mooketsi Maiketso, wa Ramokgonami, Rre Moilwa Moilwa le Xhosa I, Rre George Andreck.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo dimpho, Mogokgo wa sekole sa Flowertown, Mme Boipelo Fane o ne a lebogela tiro e ntle e ba e diretsweng a re ba a nametsega gore ba tlaa sireletsega mo mogareng wa corona.
A re sekole sa gagwe se rwele bokete go gaisa dikole tsotlhe tsa Mahalapye, ka se na le baithuti ba le 994 le batutabana ba le 32.
A re mo kgaolong-potlana ya Mahalapye, ke sone se salang morago sekole se sebotlana sa Ramokgonami ka palo e ntsi ya baithuti, a tlhalosa fa gape ba tlhaelelwa ke matlwana a borutelo. Mme Fane a re tlhaelo e ya matlwana a borutelo e ba baya mo diphatseng, mo nakong e ya COVID-19, a bolela fa sekole se setse se nnile le baithuti ba le bararo ba ba tshwerweng ka corona.
Fa a amogela dimpho tsa sekole sa Xhosa, mothusa mogokgo, Mme Ivy Mokalake ene o ne a supa fa ba-na-le sebaka ba feletswe ke melora. A re mo nakong ya gompieno, go setse go nnile le baithuti ba le mmalwa, le morutabana a le mongwe, ba ba tsenweng ke COVID-19. Le fa go ntse jalo, Mme Mokalake o supile fa bontsi jwa baithuti ba tla ka mogare go tswa kwa malapeng.
Mme Mokalake o supile fa sekole sa Xhosa, se se nang le baithuti ba le 891 le barutabana ba le 31, se lebanwe ke tlhaelo e tona ya ditilo le ditafole tsa baithuti.
A re kgwetlho e nngwe ke go senyega ga motshine o o ntsifatsang dipampiri mme seemo se se ba baya mo pitlaganong ka nako ya ditlhatlhobo.
Fa a tsibogela matshwenyego a boeteledipele jwa dikole tse ka seemo sa dikago le tlhaelo ya didirisiwa, Rre Setlalekgosi o ne a solofetsa fa khansele e tlaa dira ka natla go ba thusa.
A re ke ka moo a neng a bona go le botlhokwa gore a patwe ke Rre Koolekanye, yo e leng modulasetilo wa komiti ya khansele ya SHHA, Rre Maiketso, yo e leng modulasetilo wa komiti ya khansele ya tsa madi, le Rre Moilwa o e leng modulasetilo wa komiti ya khansele ya tsa thuto le botsogo, gore ba kgone go itseela dingongora tsa bodiredi ka tsebe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Mar 2021



