Temo-thuo e ka re boloka - Gare
17 Mar 2021
Batswana ba kgothaditswe go tokafatsa boleng jwa temo-thuo go nonotsha itsholelo ya lefatshe leno.
Fa a lekodisa setshaba ka mananeo a Lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, ka Mosupologo, Tona Karabo Gare o ne a re nako e tsile ya gore balemi ba inaakanye le temo ya tlhwatlhwa.
O ba kopile go e dira ka tlhoafalo gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go jewa mono gae, ga mmmogo le go rekisiwa kwa mafatsheng a sele.
Tona Gare a re temo-thuo e ka tsosolosa itsholelo ya lefatshe, gore le fokotse go reka dijo ka madimadi kwa mafatsheng a sele, mme madi a dirisiwe go reka tsa Batswana.
O ne a re ka mafatshe otlhe a amilwe ke segajaja sa COVID-19, go na le kgonagalo ya gore mafatshe a seka a kgona go fepa Botswana, ka moo a kopa Batswana go itirela dijo tse di lekanyeng.
Rre Gare a re lefatshe leno ga le dire sentle mo temong ya merogo, a tlhalosa fa bontsi e tswa kwa ntle ga lefatshe leno.
O boletse fa puso e file makalana mangwe jaaka CEDA le NDB madi go itebaganya le go thusa mo temong ya merogo.
O ne a kopa Batswana go innaakanya le makalana ao go kopa dithuso tsa madi go tsweledisa temo ya merogo, go tlhabolola thuo ya dihutshane, dinotshi, dikoko, nama ya kgomo, mashi ga mmogo le thuo ya ditlhapi.
Rre Gare o ne a tlhalosa fa thuo ka go farologana e na le bokgoni jwa go fa bokamoso.
O ne a re sebe sa phiri mo temo-thuong ke manokonoko a a akaretsang leuba, malwetse, phulo, diji, mebaraka le phetogo ya loapi, mme a re ba dira ka natla go lwantsha baba bao.
A re lekalana la taolo ya malwetse le malala-a-laotswe go netefatsa gore malwetse a tshwana le tlhako le molomo a a lwantshiwa ka a ka tlhakatlhakanya sengwe le sengwe fa a ka leselediwa.
O ne a kgothatsa Batswana go tokafatsa boleng jwa leruo la bone, a re seo se ka le nonotsha, le go rekwa ka tlhwatlhwa e e botoka.
Fa a akgela ka ketsaetsego ya go tswalwa ga matlhabelo a BMC, Rre Gare o ne a re e re le ntswa BMC e faraferwe ke diemo tse dintsi, ga e tswalwe.
O ne a gatelela thata gore magatwe a gore e a tswalwa kgwedi e e tlang e rogwa ga se boammaaruri, mme a re ba dira ka natla, gape ba ithulagantse le ba-na-le seabe go netefatsa gore BMC ga e tswalwe, e bile e dira dipoelo le go reka dikgomo ka tlhwatlhwa e e botoka.
E re go ntse jalo, Rre Gare o ne a akgola Batswana ba ba inaakantseng le go rekisa dikoko le mae, a re dipalo di supa kgolo.
A re lephata le itebagantse le go baakanya gore mehama ya thuo ya dikoko e dirwe ke botlhe, ka go lekalekana le ka bonokopila, a bolela fa go na le maikaelelo a go dira matlhabelo a dikoko.
Mo go tse dingwe, Tona Gare o ne a kopa Batswana go inaakanya le thuo ya ditlhapi, a re e bogadi bo gaufi, mme ka jalo a re e ka tokafatsa matshelo a bone.
E rile a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo mo lephateng, Rre Jimmy Opelo a kopa Batswana go dirisa mananeo a lephata la temo-thuo go roba tse dintle.
A re mananeo a diretswe go netefatsa gore balemi ba ntsha dijo go fepa Batswana ka bontsi, le gore temo-thuo e nne motlhofo.
O ne a re lephata le ikaelela go tlhabolola ditsela tsa go ya masimo, ga mmogo le go thusa go gokela motlakase, gore seemo se nne se se tlakisang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Tekodiso
Date : 17 Mar 2021



