Breaking News

Seroke o itiretse leina ka go roka

16 Mar 2021

Mme Gaopalelwe Seroke, 65, wa Seolwane, o itiretse leina ka go roka mesese, paka ya sekole, disutu le dipipa melomo le dinko magareng ga tse dingwe.

Fa a bua le BOPA mo potsolotsong, Mme Seroke o supile fa a simolotse go roka ka 1985, fa a sena go rutwa ke rakgadiagwe ebong, Mme Okukilwe Mosinyi, mme a tlhama kgwebo e ka madi a pata ya gagwe.

A re ga a a dira dithuto dipe fela tse di amanang le go roka. 

O ne a gwetlhwa ke lorato le bopelotelele jo a neng a bo bona mo go Mme Mosinyi. 

O tlhalosa fa COVID-19 e atolositse kgwebo ya gagwe ka ke ene a neng a rokela banni ba Seolwane le metse e e mabapi dipipa melomo le dinko ka a ne a remeletse mo go tsone ka di ne di tlhokega thata.

Mme Seroke a re o kile a bo a dira letseno le le nametsang fa a rokela sekole se sebotlana sa Seolwane paka, pele ga basetsana ba simolola go letlelelwa go apara marokgwe.

A re o lepalepana le dikgwetlho di tshwana le kgaogo ya motlakase, letlhoko la madi le gore didirisiwa tsa gagwe di setse di le dikgologolo. 

A re o dirisa motshine wa motlakase, ka ke one o leng bonako gape o le motlhofo, mme fa motlakase o kgaogile ga a phuthe matsogo, o dirisa motshine wa letsogo gore tiro e tswelele pele go kgotsofatsa bareki.

Mme Seroke a re mo nakong ya gompieno, o santse a roka a le nosi ka lebaka la letlhoko la madi, mmaraka le lefelo le a direlang mo go lone, ka a santse a direla mo lwapeng gape a re baroki ba bantsi mo kgaolong. 

A re ga a bolawe ke tlala ene le bana ba gagwe ka ba itshetsa ka go roka, e bile o kgonne go gokela motlakase mo lwapeng.

Mme Seroke o rotloetsa banana go remelela mo tirong ya diatla mo nakong e e thata e, e lefatshe le lebaganeng le kgwetlho e tona ya COVID-19 go thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Seolwane

Event : Potsolotso

Date : 16 Mar 2021