Breaking News

Rre o itshetsa ka go baakanya dikoloi

16 Mar 2021

Rre Solomon Lefawane wa dingwaga tse di masome maratato le bongwe a re e ne ya re go lemoga fa a sa tsena sekole sentle a tswa ka methale ya go itshetsa le ba lapa la gagwe mme a dirisa kitso e a e amuleng mo go rraagwe ya go baakanya dikoloi le ditshukudu tsa temo.

Rre yoo  wa Seolwane o tlhaloseditse BOPA bosheng fa a feletse ka lokwalo lwa borataro kwa sekoleng mme se sa seka sa mo kgoba marapo a go batla ditselana tsa go itshetsa ka bokgoni jwa gagwe.    

Rre Lefawane a re o sale a simolola tiro e ka 1969 fa a na le dingwaga di fera bongwe.

A re ntswa a kopana le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la didirisiwa le letlhoko la madirelo mo e leng gore fa dipula di na di emisa kgwebo ya gagwe, ga a ipone tsapa ka a tlhalosa fa tlhogo ya monna e le matsatsa.

 A re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong o eletsa go ipona nako nngwe a na le madirelo ka mo nakong ya gompieno a santse a direla mo lapeng.

 Rre Lefawana a re o batla go thusa banana ba ba sa berekeng ka go ba thapa go ba inola mo lehumeng gore ba kgone go itshetsa.

 O tlhalositse fa kemo nokeng e le ntsi go tswa mo banning ba Seolwane le mo metseng e e mabapi. 

A re mo letsatsing o baakanya dikoloi di ka nna nne mme ka nako ya temo o baakanya ditshukudu tsa temo go na le dikoloi. 

O tlhalosa fa a setse a rutile borre ba le bararo tiro ya gagwe ntle le tuelo epe. 

O ne a re ka a lemogile fa go na le letlhoko le lentsi la ditiro mo Botswana, o thapile rre wa monana gore le ene a kgone go oba letsogo. 

“Go baakanya dikoloi le ditshukudu tsa temo go fetotse botshelo jwa me le ba lelwapa la me fela thata ka ga re bolawe ke tlala.”

 Rre Lefawane o rotloetsa banana gore ba seka ba kgobega marapo le fa botshelo bo ka nna thata jang kana fa sekole se padile. 

A re ba seka a phutha matsogo mme ba itse fa matsogo le tlhaloganyo di ka jesa motho fa a setse a lemogile gore o na le bokgoni fa kae. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Seolwane

Event : Potsolotso

Date : 16 Mar 2021