Breaking News

Bana ba nwetse mo metsing

16 Mar 2021

Bana ba le babedi go bolelwa ba nwetse mo letamong la Malutu kwa Ditshegwane ka Matlhatso mo tshokologong. 

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile, o boletse fa bana bao e le ba kgotla ya Modimo kwa Letlhakeng, mme ba le dingwaga di lesome le bongwe le lesome le boraro. 

Superintendent Kesupile a re bana bao ba ne ba dira mophato wa botlhano kwa sekoleng se sebotlana sa Letlhakeng. 

O boletse fa bana bao ba ne ba le barataro ka palo, a supa fa barweetsane bangwe ba ba neng ba itseela dinepe fa tamong eo, ba boletse fa ba ne ba kopa bana bao gore ba seka ba tsena mo metsing, pele ga ba tsamaya. 

O kopile batsadi go nna ba itse kwa bana ba bone ba leng teng ka dinako tsotlhe, le go ba kgalemela. 

Superintendent Kesupile o kopile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ditshegwane go agelela tamo eo, a supa fa e le borai ka jaana e le mo gare ga motse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ditshegwane

Event : Potsolotso

Date : 16 Mar 2021