Makompule e ka tlhama mebereko
16 Mar 2021
Kgosi Mhaladi Mhaladi III wa Seolwane, o tlhalosa fa Makompule e le motswedi wa metsi a tlholego, mme e bile o ka tlhabolola Seolwane, ka ke lefelo la bojanala gape le ka tlhama ditiro.
O boletse mo potsolotsong bosheng gore Makompule e kile ya bo e ela metsi a mantsi, ka go ne go na le letlhaka le le kitlaneng.
Kgosi Mhaladi o tlhalositse fa ngogola ka Sedimontlhole, a ne a etela lefelo le a na le ba bojanala le makgabisa naga le ba tiriso ya lefatshe, go bona gore ba ka dira eng go le tlhabolola go ngoka bajanala.
A re monongwaga Makompule e ne e ela ka bokete ka lobaka lo loleele go feta dingwaga tsotlhe.
A re e rile go bona bontle jwa Makompule ba nna le maikaelelo a go agelela lefelo leo, ka ba lemogile fa le ka tsisa letseno mo motseng, la tlhabolola motse gammogo le go tlhama ditiro le go thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro.
Kgosi Mhaladi a re go nna go tletse fela kwa Makompule, mme e bile fa e le ka mafelo a beke gone, ga go na bobeo jwa lonao.
A re batho ba Seolwane ba thibeletse ka 1968, ba tswa kwa Sejweng le kwa Khubung.
O ne a re Seolwane ke lefelo la bojanala, ka le na le matlotlo a tlholego a le mantsi, go na le lentswe le le bidiwang Mmadaba, e bile go lebega bagologolo ba kile ba nna teng ka go na le masalela a a supang fa go kile ga nnwa teng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Samuel Keolopile o tlhalosa fa matlotlo a tlholego a le mantsi kwa Seolwane.
A re kwa Khubung ke lefelo le motho a ka bonang manong otlhe ka mefuta, go na le setilo sa tlholego se se dirilweng ka lentswe le lefelo le e ka reng ke logaga, mme ba dumela gore ke fa Kgosi a neng a nna teng bogologolo.
Rre Keolopile a re maikaelelo ke go sala ditsetlana le tsamaiso morago gore Seolwane a nne le se a se robang le se a ka itsegeng ka sone.
“Go lebega kwa Makompule le gone go kile ga thibelelwa teng, ka le gone go na le masalela a a supang fa e kile ya bo e le bonno jwa batho,” ga bua jalo Rre Keolopile.
A re ba lekile go kopa batho go fokotsa go tsena mo lefelong la Makompule ka bontsi, mme ka bontle jwa teng bo ngoka ditshaba, ga go laolesege ka mongwe le mongwe ke yo o batlang go ipona a le ko lefelong leo.
“Keletso ya rona re le bogogi jwa motse ke go dira lekgotla kgotsa Trust, le fa batho ba ka lalang teng gore ba felele ba tsena kwa Makompule ka madinyana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Seolwane
Event : Potsolotso
Date : 16 Mar 2021



