Breaking News

Mokento wa corona o babalesegile - mogolwane

17 Mar 2021

Badirelapuso ba kgaolo-potlana ya Tutume ba kopilwe go tlogela mokgwa wa go sala morago dikgang tsa maranyane mabapi le melemo kgotsa mokento wa mogare wa COVID-19.

Tlhagiso eo e ntshitswe ke mookamela lekalana la melemo kwa lephateng la botsogo la dikgaolo, Rre Mmoloki Majaga kwa Tutume ka Labotlhano.

Rre Majaga a re dikgang tseo di tsisitse ketsaetsego mo bathong mo bangwe ba setseng ba supa fa ba le ’bete se molangwane ka go ka tsaya mokento oo.

A re dikgang tseo tsa maranyane mabapi le mokento o, ke diphirimisi, ka jalo ba tswe mo go tsone ka di ka ba timetsa ba felela ba tlhaselwa ke bolwetse.

O ne a ba kopa go tsepama mo go se se buiwang ke ba botsogo le ba World Health Organisation le go botsa fa ba sa tlhaloganyeng teng.

O ne a gatelela ka go re pele ga molemo o dirisiwa o tlhatlhojwa pele go bona gore a o siametse go ka dirisiwa ke batho.

Fa a tswa la gagwe, mmereki wa Tutume DHMT, Rre Christopher Thela a re mokento oo wa Covishield o tlaa simolodisiwa ka go kenta badiri ba ba faphagileng go akarediwa masole, mapodisi, badiri ba botsogo le boitekanelo le barutabana.

Rre Thela a re mokento o,  o fa tlase ga melawana ya botsogo, ka jalo ga go na sepe se se tshosang kana se le borai mo matshelong a batho. 

O ne a kopa ba ba welang mo legatong la ntlha go ipaakanyetsa go tsaya mokento o fa o simolodisiwa.

E ne e rile go le pele, molaodi wa kgaolopotlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang a kopa baeteledipele ba maphata go tshwaraganela tiro le ba lephata la botsogo le boitekanelo mo letsholong la go kentela batho mogare wa corona.

Mme Kerekang a re maphata a tshwanetse go thusa ka dikoloi  gore badiri ba botsogo ba kgone go latela batho kwa ba leng teng gore go seka ga nna le ope yo o tlaa salelang kwa morago. 

O ne a kopa baeteledipele bao go tsamaya ba gasa molaetsa mo bathong gore le bone ba kgone go itse se se diragalang mo kgaolong le gore ba ipaakanyetse thulaganyo e e tlang ya letsholo la go kentela batho mogare wa corona.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego

Date : 17 Mar 2021