Motse wa Dovedale o humile ditso
15 Mar 2021
Go runya ga metse ya maipaafela, segolo jang mo ditoropong kwa batho go tswa magaeng ba ketemelang teng go batla mebereko le botshelo jo bo botoka go tswa goo-Lowe e le kgwetlho lefatshe ka bophara.
Mo mabakeng a mantsi fa batho ba feta ba ketefalelwa ke mabaka a botshelo ba bo ba gatelelwa segolo jang ke letlhoko la boroko, ba felela ba tlhoma mesasana mo tikologong ya ditoropo mme go runye metse e e seng ka fa molaong.
E re ka jaana seemo se sa go runya ga bomaipaafela se setse se kile sa tlhagoga kwa le kwa mo Botswana morago ga boipuso, go bonala le pele ga moo se ne se kgona go itshupa ka sewelo mo mabakeng mangwe.
Kwa Dovedale kwa botlhaba jwa Mahalapye, ditso tsa koo di supa fa motse oo o thailwe ke badiri ba pele ba polasi ya Size Poso, yone e le ya rre mongwe wa mosweu a ne a bidiwa Freddy Riggs.
Go ya ka kgosi wa Dovedale, Rre Ditodi Namane, motse o o simologile o le ka fa teng ga polasi eo ka 1959, ka ntlha ya koketsego ya dipalo tsa batho mo polasing ka batho ba ne ba tshologela koo go tswa kwa metseng e e dikologileng Dovedale wa nako eno go ya go batla mebereko mo dipolasing.
Kgosi Namane a re dipalo tsa batho di ne tsa gola mo e neng ya re ka tsamao ya nako ga nna le mogopolo wa go aga sekole mo polasi eo.
“Go ne ga nna le mogopolo wa go aga sekole, mme ga forongwa ditena tsa mmu tiro ya simolola. Mme e ne ya re nako nngwe mopalamente wa nako eo Rre Gaefalale Sebeso a tsamaya le kgaolo a lekola batho a fitlhela tiro e tsweletse mme a gakolola gore e eme sekole se fudusediwe kwa ntle ga polasi,” ga tlhalosa Kgosi Namane.
A re lesokolela la mopalamente e ne e le gore motsing mong wa polasi a sa tlholeng a batla sekole seo morafe o ne o ya go duwa diatleng ke sekole se o se ikagetseng.
“Re ne ra amogela kgakololo e mme ra ya go aga sekole kwa ntle ga polasi. Ditena tsa ntlha re ne re di foromela fa letamong go bapa le fa ga Riggs ka Ipelegeng. Ipelegeng ga e tle maabane jaana, e tswa kgakala,” a supa jalo, a boa a tlhalosa fa e ne ya re morago ga khuduga eo ya sekole, batho ba simolola go tla ka monokela ba tla go aga malapa a bone mo tikologong ya sone.
Kgosi Namane a re e ne ya re sekole se simolola go ruta sa bo se nale baithuti ba le bararo mme se eteletswe pele ke Mogokgo Malebogo Sefemo.
A re bogogi jwa motse bo ne bo a tle gangwe le gape bo bolotse letsholo bo tsamae le dipolasi bo phutha bana ba dingwaga tsa bone di neng di supa fa ba lekane go tsena sekole mme bo ba ise gae go ya go simolola dithuto.
Kgosi Namane a re e ne ya re mo nakong e khutshwane dipalo tsa batho mo tikologong ya sekole tsa gola ka badiri ba dipolasi tse dingwe tse di mo tikologong ba ne le bone ba tla go aga foo, ga mmogo le batho fela go tswa kwa metseng e mengwe, segolo jang ya Tswapong.
Mo go reng leina la motse le raya eng e bile le tswa kae, Kgosi Namane, yo ka nako eo e neng e le ene a neng a eteletse motsana oo pele, o boletse fa e ne ya re nako nngwe Rre Riggs a mmitsa mme a mo lemotsha fa batho ba ntsifetse mme jaanong motse wa bone o tlhoka go tewa leina.
“Ya re ke gakgamala ke mo tlhoma matlho a nthaa a re ‘motse o o tlaa bidiwa Dovedale’,” a tlhalosa jalo.
Lebutswapele la motse wa Dovedale, yo le ene a boneng ka matlho tshimologo ya motse oo, Rre Petrus Noge o ne a tlatsa mafoko a ga Kgosi Namane ka go tlhalosa fa leina le la Dovedale, Rre Riggs a ne a le tsaya mo go reng lefelo le motse o thaetsweng fa go lone le ne le tletse maeba.
“Motse wa rona o ne wa simolola go bitswa Dovedale jaaka Riggs a ne a akantse. Dovedale yo, go ya ka Riggs, o raya mokgacha wa maeba,” Rre Noge a tshwaela.
Rre Noge a re sekole, se puso jaanong e ne ya se tsaya mo morafeng go se tlhabolola le go se tsamaisa, se ne sa bulwa ka 1976.
Go ya ka Rre Noge le Kgosi Namane, kago ya sekole e ne ya salwa morago ke ditlhabololo tse di farologanyeng di akaretsa lebentlele le e neng e le la ga Rre Riggs.
Rre Riggs e ne e le mohiri wa popota ka a ne a thapile bontsi jwa batho ba Dovedale kwa polasing le gone fa lebentleleng.
Ditso di supa fa ka tsamao ya nako batho ba ne ba nna ba thibelela kwa Dovedale ka dipalo go se ope yo o neng a batla go tswelela a nna mo dipolasing.
Dovedale mo nakong eno ke motse o o godileng mme o na le sone sekole se sebotlana, diofisi tsa kgotla, kokelwana ga mmogo le bodiredi jwa puso jaaka molemisi le babereki ba kgotla.
Motse o o na le dikgotlana tse pedi e leng Sepane le Letswere. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Dovedale
Event : Potsolotso
Date : 15 Mar 2021