Thekiso ya bojalwa e tshwenya mapodisi
14 Mar 2021
Sepodisi sa Serowe, se tshwentswe ke barekisi ba bojalwa, ba ba rekisang le ka malatsi a go sa letlelelweng thekiso ya jone.
Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng mo puisanong le BOPA a re, go na le dinako le malatsi a thekiso ya bojalwa mme ba lemogile fa bangwe bagwebi ba bojalwa le ba ba gwebang ka bojalwa le dijo ba sa diragatse molawana o o beilweng.
Superintendent Oteng a re go setse go na le bangwe ba le bararo kwa Serowe, ba ba lebisitsweng molato wa go rekisa bojalwa ka letsatsi le ba sa tshwanelang go bo rekisa.
A re molawana wa thekiso ya bojalwa o o sa tswang go bewa, ga o letlelele thekiso ya bojalwa ka Matlhatso le Tshipi mme bangwe ga ba o obamele, a tlhalosa fa badira-molato ba lefisiwa madi a a sa feteng P5 000.
Superintendent Oteng a re ba sepodisi ba lemogile gape fa banwi ba bojalwa ba kgobokana kwa mafelong a go rekisiwang bojalwa kwa go one mme tshwanelo e le go reka ba bo ba ya go nwela kwa malwapeng.
A re go nwela kwa malwapeng ga go reye gore batho ba ye go kgobokana ka go dira jalo e le molato.
Superintendent Oteng a re bangwe ba madirelo a thekiso ya bojalwa ba setse ba supile fa go na le bangwe ba ba yang kwa marekisetsong a bone ba sa ye go reka mme ba bo ba felela ba kgobokane, selo se a reng se baya banni mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa COVID-19.
A re bojalwa bo rekwa ka bokete kwa di wholesaler mme ba sepodisi ba mo ditlhotlhomisong, go bona gore a go reka ba ba tshwanetseng kana go reka ba ba yang go rekisa ba sena diteseletso.
Superintendant Oteng a re ba sepodisi ba tlaa tswelela ba lebisa ba ba tlolang molao molato gore seemo se boele mo taolong.
A re mapodisi a Serowe a eme malala-a-laotswe go tlhomamisa gore molao o salwa morago, a tlhalosa fa ba ikgaogantse go bona gore melawana yotlhe e e beilweng ya go lwantsha segajaja sa COVID-19, e salwa morago le go sireletsa setshaba.
O supile fa ka tshwaragano ya ba sepodisi le komiti ya COVID-19 Serowe Sub-district Emergency Operations, tsotlhe di tlaa tsamaya ka tshiamo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 14 Mar 2021