Builders World e abetse sekole sa Motetshwane ditafole
14 Mar 2021
Marekisetso a Builders World kwa Serowe a abetse baithuti ba ba-na-le bogole ba sekole se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe, ditafole di le masome mararo.
Fa a amogela ditafole, Mogokgo Ontiretse Kenaope a re go ntse go na le tlhaelo ya ditafole, bogolo jang kwa borutelong jwa ba-na-le bogole.
A re baithuti ba ne ba patelesega go kwalela mo ditilong mo dinakong tse dingwe ntateng ya go tlhoka ditafole.
O supile fa sekole se na le baithuti ba ba-na-le bogole ba le masome mane le bosupa go tswa kwa Serowe le metse e e mabapi mme ba tsewa ka sepalamo sa khansele-potlana ya Serowe go ya sekoleng.
A re sekole se bona thuso e ntsi kwa khanseleng-potlana ya Serowe mme ga e kake ya kgona e le nosi.
O akgotse Builders World gore e re ka dinako tsotlhe fa sekole se kua mokgosi, ba bo ba le gautshwane go thusa.
A re e ne ya re segajaja sa COVID-19 se utlwalelwa mono, Builders World ya ba abela dipipa molomo di le 500 le di sanitizer.
Mookamedi wa Builders World, Rre Aslam Rifai o supile fa a solofela fa ditafole di tlaa thiba letlhoko le le ntseng le le teng.
A re ba ne ba bona go tshwanela gore ba abele baithuti ba ba-na-le bogole ka ba ba kgoma mo dipelong.
A re Builders World lefatshe lotlhe, e na le maitlamo a e a diragatsang go thusa setshaba.
O lebogile mookamedi yo motona wa Builders World go bo a ne a ba letla go dira lenaneo la go thusa ba ba tlhokang, a bo a leboga mogokgo wa sekole go letlelela Builders World go nna e ba fa dithuso dingwe le dingwe tse ba di tlhokang.
Kgosi wa kgotla ya Tshosa Kgosi Montlamedi Tshosa o lebogile Builders World go thusa Motetshwane.
A re go supa fa ba ititeile sehuba go thusa le ntswa go na le letlhoko la madi ntateng ya COVID-19.
A re baithuti jaanong ba tlaa nna ba phuthologile e bile mpho e, e kgolo thata ka e ya kwa baithuting ba e leng bone baeteledipele ba kamoso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Mar 2021