Breaking News

Tautona o tshedisa ba bogosi

14 Mar 2021

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a ya go tshedisa Kgosi Kgari III wa Bakwena le morafe morago ga go tlhokafala ga ga Mma Kgosi Kwenayagae Mmakgari Sechele yo o neng a bolokwa mo Molepolole ka Labotlhano.

Mo molaetseng wa gagwe wa matshediso, mo boemong jwa puso le ba lelwapa la gagwe, Tautona Masisi o boletse fa Mohumagadi Mmakgari a diritse lefatshe la Botswana e le morutabana mo dikoleng tse dipotlana ka go farologana, tiro e a e dirileng ka bokgabane le bo-tswa pelo go fitlhelela a e tlogela ka bogodi ka 2006.

O tladitse ka go re Mohumagadi Mmakgari o nnile le seabe se se bonalang mo kgodisong le tokafatso ya seemo sa thuto mo lefatsheng, mme e bile a adile moalo wa sennela ruri ka e bile a alositse bana ba le bantsi ba ba atlegileng mo matshelong a bone.

A re Mmakgari e ne e le moeteledipele yo o tlhaga mo ditirong tsa bohumagadi mo motseng, ka jalo a tlaa gopolwa ka ditiro  tse dintle tsa go inaakanya le go rotloetsa kagiso le popagano ya setshaba.

A re o ne a na le seabe se setona mo go rotloetseng modiro wa ngwaga le ngwaga wa ngwao wa Dithubaruba.

O ne gape a mo kaya e ne e le leloko la motia la kereke ya UCCSA mo  Molepolole, e bile e le modumedi yo o boineelo.

“Re eme le lona mo dithapelong gore Modimo a le neele kgomotso le maatla mo nakong e e botlhoko e,” a bua jalo mo molaetseng wa gagwe go ba lelwapa la bogosi le Bakwena.

Tona ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Kabo Morwaeng, e bile e le mopalamente wa Molepolole Borwa, le ene o ne a romela molaetsa o mo go one a neng a bolela fa go hulara ga ga Mmakgari e le tiragalo e e hutsafatsang ka gore onnile le seabe se se bonalang mo mererong ya Bakwena le setshaba ka kakaretso, mme e bile a le sekao sa boammaaruri sa gore mosadi ke thari ya setshaba.

“Phularong ya ga Kgosi Bonewamang Sechele, Mohumagadi Mmakgari o ne a sala le morafe wa gagwe go o fodisa dipelo. 

Godimo ga moo, o ne a dira bonatla jo botona ka go re godisetsa mong wa rona e bong Kgosi Kgari III. Dilo tse, di mo tlhaotse e le mme wa popota yo o kaiwang ke Baebele mo go Diane 31,” ga bolela Rre Morwaeng.

O ne a supa fa a le motlotlo go neela bopaki jwa gore Mohumagadi Mmakgari o ne a bereka ka bo-tswa pelo le Bakwena, a tlatsa ka go re bosheng jaana, o ne a ema nokeng ditiro tsa go bua kgatlhanong le kgokgontsho ya bong mo Molepolole. A re seabe sa gagwe se nnile segolo thata ka gore lefoko la gagwe e le motsadi le ne le le bokete.

“Betsho, ke rapelela bana ba gagwe, bogolo jang Kgosi Kgari III le Mohumagadi Mma Tumagole, masika, Bakwena le setshaba ka kakakretso  gore re gomotsegele ruri. 

A ditiro tse mmaarona a di fitlhetseng  e nne tsone tse di tshedisang. 

A mowa wa ga mmaarona o robale ka kagiso.”

Dingwe tsa ditiro tse Mohumagadi Mmakgari a tlaa gakologelwang ka tsone di akaretsa dithulaganyo di tshwana ya temo ya ditlhare ya Greening Molepolole, go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bong, ditiro tse a neng a di tshwaraganetse le Mohumagadi Mma Tumagole.  

Mohumagadi o tlhalositswe gape ka seabe se se neng sa supega mo kgodisong ya bana mo motseng le mo tirong ya gagwe ya borutabana e a e dirileng ka lobaka mo dikolong tse di farologanyeng go tswa kwa kgaolong ya Legare, go fitlha a tlogela tiro ka bogodi ka 2006 a direla kwa sekoleng se sebotlana sa Bokaa.

Mohumagadi Mmakgari yo a tlholegang kwa Serowe, o ne a nyalwa ke Kgosi Bonewamang Sechele ka 1972, rre a tlhokafala ka 1978.

Mohumagadi Mmakgari o tlhokafetse Mopitlo a tlhola ga rataro morago ga go lwala ka bokhutshwane. 

O tlogela bana ba le bane e leng Kgosi Kgari III le bo kgaitsadie ba le bararo, bagwe ba le babedi le bana ba bana ba le lesome. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Tirelo ya phitlho

Date : 14 Mar 2021