Bosekisi bo gana gore kgang e tshololwe
11 Mar 2021
Beke fela morago ga gore mosekisiwa, Jomo Tape wa moraka wa Mokake gaufi le Tsabong a ipege fa pele ga kgotla ya ditsheko kwa Tsabong ka molato wa go baka dikgobalo tse di masisi, mongongoregi o supile fa a tsholola kgang.
Tape wa dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi o lebisitswe molato wa go baka dikgobalo tse di masisi morago ga go itaya mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome mane, Mme Thusego Montshojang ka molamu mo tlhogong kwa Mokake ngogola.
Tape o ganne bosupi jo bo neng bo kwadilwe ke ngaka mo tshekong ya beke e e fetileng a supa fa a le sebete se molangwana ka gore bosupi jwa ntlha bo ne jwa latlhega mme a re ga a tshepe pego ya ngaka e e neng ya kwala labobedi.
Go ntsha pelo pelaelo mmakaseterata, Mme Amantle Lungisani o ne a laela gore ngaka yo o neng a kwala pego, a tle go fa bosupi fa pele ga lekgotla ka Labobedi, mme ba bosekisi ba tlhalosa fa ngaka eo e ne ya seka ya itshupa ka a ne a tshwerwe ke tse dingwe ditiro tsa bongaka tse di mo tlamang.
Mosekisiwa o ne a kopa gore mokapelo wa gagwe a tsenngwe mo lebokosong gore a bolele fa pele ga lekgotla gore ka boammaruri o a mo itshwarela.
Mme mongongoregi o ne a dira jalo a bolelela lekgotla fa a itshwarela mosekisiwa mme ebile o kopa go tsholola kgang
Bosekisi bo ne jwa supa fa bo sa dumalane le seo ka mabaka a gore tshetlana ya semolao ya 3.2.1 ya Criminal Procedure and Evidence Act e supa gore fa mosekisiwa a bakile dikgobalo tse di masisi mme ebile di lebega di na le ditlamorago tse di masisi mo botsogong jwa mongongoregi, boitshwarelo mo lekgotleng ga bo amogelwe ka jalo tsheko e tshwanetse ya tswelela
Mmakasetarata Lungisani o amogetse seo mme a laola gore kgetsi e tswelele le gore ngaka yo a neng a tlhatlhoba mongongoregi a nne teng go tlhalosetsa lekgotla beke e e tlang ka Labotlhano.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Kgotla Tshekelo
Date : 11 Mar 2021