Khansele potlana e lela ka matlakala
10 Mar 2021
Khansele potlana ya Serowe e tshwenngwa ke batho bangwe ba ba latlhelang matlakala fa go sa lebanang.
Moanamisa mafoko wa khansele, Rre Onkabetse Ntwe, o boletse mo potsolotsong fa matlakala a a akaretsang metseto, dipampiri, dipolaseteke le leswe le le tswang fa go thubiwa matlo, a latlhelwa gongwe le gongwe fa go sa supegeng motsamao wa batho bogolo jang fa go nang le sekgwa mme a gasame le motse.
Rre Ntwe a re go a tshwenya ka matlakala bogolo jang metseto, a kgona go latlhelwa mo meseleng ya kgopo ya metsi a a leswe.
A re mokgwa o, e setse e le selo modiro mo bangweng mo ebile matlakala a leng gongwe le gongwe.
Rre Nkwe a re matlakala mangwe a felela a jewa ke leruo le le gobeang mo motseng, pheletsong le tsenwe ke malwetse jaaka jwa mabele jo e kareng fa motho a jele nama ya seruiwa sa teng e mo lwatse.
A re go na le lefuti le go latlhelwang matlakala kwa go lone, le le tlhokomelwang ke khansele mme bangwe ba a le ikgatholosa ba bo ba kgetha go latlhela matlakala fa go sa tshwanelang.
Rre Nkwe o tlhalositse fa mo nakong eno, go dirisa lefuti la matlakala go se na dituelo dipe ka khansele e santse e emetse go ntsha dituelo tse disha tsa go latlhela matlakala teng.
A re dituelo tse di teng, ke tsa ba ba latlhang clinical waste mme ba duela P5 per kg.
Rre Ntwe o supile gape fa go tshuba matlakala le gone go tshwenya ka go sa letlelelwe.
A re fela jaaka go latlhela matlakala mo mafelong a a seng maleba, go tshuba matlakala ke molato o motho a ka atlholelwang madi a a kana ka P500 kgotsa go feta fa a ka tshwarwa a dira jalo.
Rre Nkwe a re ba ba tlolang molao ba tlaa tseelwa dikgato tse di maleba mme khansele e tlaa tswelela ka go ruta setshaba ditlamorago tsa go leswafatsa tikologo.
O ikuetse mo banning ba Serowe go dirisanya le khansele ba bo itsise ba ba maleba kana sepodisi fa ba itemogela dikgang tse. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 10 Mar 2021