Breaking News

Baruti ba rotloetsa mowa wa thitibalo

07 Mar 2021

Baruti  ba kgothaditse Batswana go ritibala maikutlo mo gare ga ntwa kgatlhanong le segajaja sa COVID-19.

Ba buile jalo kwa tshimolodisong semmuso ya beke ya thapelo kgatlhanong le segajaja se mo gaborone ka Labone. 

Se, se tla jaana morago ga gore  bosheng, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ntshe kopo ya gore badumedi ka go farologana lefatshe leno ka bophara ba rapele.

Moruti Gabriel Tsuaneng o kopile setshaba go nna ka mowa wa thitibalo  ka jaana puso e dira ka gotlhe go tla ka maano a go leka go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.

A re mowa wa thitibalo ga mmogo  le tsholofelo mo go tsotlhe tse puso e di dirang di tshwanetse go tseelwa kwa godimo.

Moruti Tsuaneng o boletse fa a sa itumedisiwe ke bangwe ba ba tsweletseng ka go anamisa mafoko a a senang boammaruri tebang le mokento o o solofetsweng. A re bangwe ba supa fa mokento oo o le borai mo matshelong a batho.Moruti Tsuaneng a re puso e ka se lere epe melemo e e ka nnang borai mo setshabeng. 

O rotloeditse setshaba go nna le tshepo le tumelo mo ditshwetsong tse puso e di tsayang ka di ka lere pharologanyo.

O file dikai ka   diritibatsi tsa  HIV/AIDS, a re tshimolodisong ya tsone bangwe ba ne ba tletse poifo le dipelaelo mme fela di dirile pharologanyo e e kwa godimo.

Moruti Mpho Moruakgomo le ene o supile botlhokwa jwa go itse Modimo ka dinako tsotlhe, a re segajaja se tsisitse manokonoko mo morerong wa itsholelo, tatlhegelo ya ditiro le tse dingwe ka go farologana.

A re ka nako e e amang jaana, go botlhokwa go itsane, go bona gore mongwe o ka thoka thuso ya mofuta ofe.Malatsi a thapelo kgatlhanong le COVID-19 a simolotse ka Labone mme a wetse maabane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : Tshimolodiso ya beke ya thapelo

Date : 07 Mar 2021