Bomme bangwe ba itshetsa ka go roka le go baakanya ditlhako
07 Mar 2021
Go kile gabo go tlwaelesegile fa tiro ya go roka ditlhako le go suga matlalo e le ya banna fa bomme ba ne ba akolwa thata mo go kgapheng malwapa le go bopela matlo.
Metlha ga e sa tlhole e le ya maloba ka jaana botshelo bo ruta mongwe le mongwe go itshetsa ka diatla tsa gagwe le tlhaloganyo ka fa a ka kgonang ka teng.
Go ntse jalo ka bomme bangwe kwa Serowe, ba e leng ditswerere tsa go roka le go baakanya ditlhako.
Mme Magdalene Moilwa wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi wa kgotla ya Sebinanyana kwa Serowe ke moroki wa ditlhako, yo gape a rokang le ditlhako tsa matlalo tse gantsi di dirisiwang ke dibini tsa borankana ga mmogo le mabante.
Mme fa e sale maitiso a emisiwa ka ntata ya go iletsa go kgobokana ke ba botsogo, Mme Moilwa o tlhalosa fa kgwebo e le bokoa fela thata.
A re mo nakong eno, o baakanyetsa bana ba dikole ditlhako tse di senyegileng le ba bangwe fela ba ba tlhokang thuso ya gagwe.
Sengwe sa dilo tse a di lemogileng ke gore bangwe ba kgatlhegela mabante a a seng thata, a a rekisiwang ke mabentlele mangwe ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase.A re o ithutetse tiro kwa RIIC, kwa Kanye a isitswe ke puso ka 1999 mme gape o ne a tsena dithuto tse dingwe kwa Mochudi a rutwa ke ba IFS.
O supile fa puso e mo thusitse ka go mo rekela di dirisiwa dingwe, fa tse dingwe a di itheketse.
Pele a ipereka a re o ne a kile a bereka kwa ofising ya babueledi ya Gaongalelwe.
A re mo bogompienong, o dira a le nosi mme o kile a hira batho ba le bararo ba irileng ka ntata ya mathata a bolwetse jwa COVID-19, a kgaogana nabo, mme a supa fa a tle a hire bangwe ka nakwana fa tiro e le ntsi.
O supile fa go ka nna molemo fa puso e ka bula madirelo a ba ka rekang matlalo teng ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase, a re o na le pelo ya go dira ditlhako thata ka di tsenya madi.
Yo mongwe wa bomme ba ba dirang tiro e ke Mme Gabatswe Motana wa dingwaga tse di masome matlhano le borataro kwa kgotla ya Bokhurutshi kwa Serowe.
Mme Motana a re o simolotse kgwebo ya go roka ditlhako ka 1994, morago ga go anya botsipa jwa go roka mo monnamogolong mongwe a nna le kgatlhego.
Mme Motana a re ga a thusiwa ke ope go simolola kgwebo, o diritse madi a gagwe go ithekela didirisiwa tsedi rokang.
O boletse fa ene le bana ba gagwe ba sa lale ka tlala le mororo kgwebo ya go roka e digilwe ke bolwetse jwa COVID-19 ka bangwe ba latlhegetswe ke mebereko, madi a sa tlhole a le teng.
A re ka kgwebo ya gagwe, o kgonne go ikagela fa a latsang tlhogo teng ebile a na le leruo le a le lebileng.
O boletse fa a rata tiro ya roka thata ebile e sa mo tlhabisi ditlhong, a re bomme le bone ba na le dinoko tsa go roka fela sentle.Bobedi jo, bo roka ditlhako ka go farologana, tsa borre le tsa bomme. Gape ba tsenya direthe tsa ditlhako le disola mme ba hirisitse matlwana a mmarakeng a kwa Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Posolotso
Date : 07 Mar 2021