LEA e babalela dikgwebo mo manokonokong
04 Mar 2021
Madi a a ikwadisediwang kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA) a a tswang mo pusong go thusa bagwebi ba babotlana ba dikgwebo tsa bone di amilweng ke COVID-19 go bolelwa fa a ntsha maduo a a bonalang.
Mongwe yo o thusitsweng ka madi ao mo Tsabong, Mme Kenameditswe Bojang wa dingwaga tse di masome a matlhano o galaleditse puso go bo e bone go le botlhokwa go ba thusa ka sekete sa dipula tsaya tanki.
A re madi a, a kgonne go ba namola morago ga go phutlhama ga dikgwebo tsa bone ka lebaka la corona.
Mme Bojang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa a sale a simolotse kgwebo ka 2014, mme a simolola mo legoeleleng ka a ne a sena madi.
Mme Bojang, yo kgwebo ya gagwe e itebagantseng le go apaya sefitljolo, a re o ne a tswelela fela a sa kgobege marapo le ntswa ka nako tse dingwe theko e ne e le boutsana.
A re ngogola go ne ga simolola go tlhakatlhakana ka lebaka la COVID-19 mme kgwebo ya wela tlase ka kiletso mosepele ka mongwe le mongwe a ne a tshwanelwa ke go nna mo lwapeng.
O tlhalositse fa morago ga seo, sengwe le sengwe se ne sa fetoga ka jaanong a ne a sena le one madi a go reka didirisiwa, mme a tsaya tshwetso ya go dirisa matsana a makata dimetshe ka a ne a setse a dirisitse a mangwe.
Mme Bojang o boletse fa a ne a goga ka boima lobakanyana ka jaanong bareki ba ne ba tla ka go rotha.
O boletse fa a ne a utlwelela ka madi a bagwebi ba babotlana ba thusiwang ka one go tswa kwa Local Enterprise Authority mme a wela tsela go ikopela madi ao ka Motswana a rile ‘o le aramele le sa ntse le go tlhabetse.’
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Local Enterprise Authority mo Kgalagadi, Rre Oratile Koloka o ne a rurifatsa fa e le boammaruri puso e ne ya tsaya tshwetso ya go thusa dikgwebo tse dipotlana ka sekete sa dipula maikaelelo a go di thusa gore di boele mo maemong a tsone morago ga manokonoko a COVID-19.
Rre Koloka o ne a tlhalosa fa go fitlha mo nakong eno ba setse ba kwadisitse bagwebi ba le lekgolo masome a mabedi le botlhano mo kgaolong.
A re bagwebi ba ba thusiwang ke ba ba setseng ba ikwadisitse e bile ba amogetse molaetsa go tswa kwa Local Enterprise Authority.
O boletse fa go tlhokega moriti wa omang, teseletso ya go gweba mo mokgwatheng kgotsa mokwalo o o rurifaditsweng ke kgosi kgotsa ba sepodisi.
O boletse fa bontsi jwa bagwebi ba ne ba sa itse ka madi ao le ntswa ba ne ba itsisiwa mo Btv, Facebook le tse dingwe.
A re ba ne ba ititaya ka thupana go dikologa le kgaolo eo ba gasa molaetsa, selo se a reng se ba bereketse thata ka dipalo tsa ba ba ikwadisang di ne tsa tsholetsega go fitlha fa di leng teng gompieno.
Rre Koloka o ne a tlatsa ka go supa fa maikaelelo a puso e ne e le gore bagwebi bao ba bo ba setse ba thusitswe botlhe pele ga Mopitlo a ya fifing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : potsolotso
Date : 04 Mar 2021