Breaking News

Mokgatlho o lwantsha COVID-19

04 Mar 2021

Mokgatlho wa Maunatlala Community o abetse sekole se segolwane sa Maunatlala didirisiwa tse di thusang go thibela go anamisa le go angwa ke mogare wa corona.

Fa a bua kwa moletlong wa go rola didirisiwa tse ka Laboraro kwa Maunatlala, mogwebi wa tsa Bojanala, Rre Aubrey Tseleng o tlhalositse fa ba tsibogetse mokgosi wa badiri ba sekole seo wa gore ba thusiwe go lwantsha COVID-19.

Rre Tseleng a re mokgatlho wa Maunatlala Community o tlhamilwe ke baithuti ba pele ba sekole seo, ba sena go bopa mogopolo wa go thusa sekole. O tlhalositse gore leloko la mokgatlho le ne le ntsha P200 go thusa mo dikgwetlhong tse di wetseng sekole.

Rre Tseleng a re ba kgonne go kokoanya madi a a fetang P26 850 go tswa mo malokong le go thusiwa ke dikhamphani le banni bangwe ba metse e e mo tikologong ya Maunatlala. A re didirisiwa tse ba di abetseng sekole di akaretsa melora e e tlhatswang le e e bolayang megare, didirisiwa tsa go tlhola mogote mo mmeleng le mesangwana ya basetsana.

O ne a kgothatsa baithuti le batsadi go tsaya thuto ka tlhoafalo ka gore e ka dirisiwa e le sebetsa se se fetolang botshelo jwa motho. O tlhalositse gape gore go ruta banana ke go jwala peo ka e le bone khumo ya lefatshe, a tlatsa ka go re ba na le bokgoni jwa go ntsha lefatshe mo lehumeng. 

Mokhanselara wa Lerala/Maunatlala, Mme Salome Lesole o akgoletse bagogi ba sekole go bo ba tsere boikarabelo, go thusa ba botsogo go lwantsha COVID-19.

Mme Lesole o akgotse gape ba ba thusitseng ka Dimpho.  

A re ba dirile tiro e tona e bile e se motlhofo. 

O ba rotloeditse gore ba seka ba iteba ba le bosi, mme fa go kgonagala ba otlolole letsogo ka go thusa ba bangwe ka didirisiwa tse ba di abetsweng jaaka dikole tse dipotlana le babereki ba Ipelegng.

Mme Lesole o rotloeditse botlhe ba ba tsenyang letsogo mo go thuseng go lwantsha COVID–19 gore ba tswelele ka tiro e e molemo e ba e dirang.

Fa a amogela dimpho tseo, Mogokgo Kebame Montwedi o tlhalositse fa di arabile selelo sa bone ka jaana ba ne ba tlhaelelwa ke didirisiwa, a tlatsa ka go re bana bangwe ba na le letlhoko le le dirang gore ba amogane le didirisiwa tse ba sa tshwanelang go di amogana.

Rre Montwedi a re COVID-19 ke mmaba mogolo mo sekoleng, ka gore dipalo tsa bana ba ba tshwarwang ka mogare wa corona di tsweletse ka go gola, mme mo nakong eno di tshwara lekgolo le masome a mararo le boroba bobedi. 

A re mo nakong eno, baithuti ba ba santseng ba le mo serubing ba lesome le boraro.

Le fa go ntse jalo, Rre Montwedi o lebogetse seabe sa bodiredi jwa lephata la botsogo le boitekanelo le badiri ba sekole sa gagwe go bo ba sa ipone tsapa ka gore ba tshwaragnaye le gore ba dira ka bongwefela jwa pelo go lwantsha COVID-19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAUNATLALA

Event : kabo dimpho

Date : 04 Mar 2021