Breaking News

Kgosi o tshwentswe ke dintsho tsa COVID-19

03 Mar 2021

Motshwarelela bogosi jwa Kgatleng, Kgosi Bana Sekai a re puso e tsere tswetso e e maleba go fokotsa palo ya batho ba ba tsayang karolo mo mererong ya manyalo, ka se se ka thusa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19.

“Ke bua jaana ka gore le nna ke ne ka tshwarwa ka bolwetse jo ngwaga o o fetileng ka Phalane. Ga ke eletse ope a ka wela mo selageng se,” Kgosi Sekai a tlhalosa.

O tlhaloseditse BOPA fa a tshwentswe ke dipalo tsa dintsho tse di bakwang ke bolwetse, tse di ileng magoletsa kwa Kgatleng.

A re go apewa ga dijo kwa medirong le go tlhoka go katologana ke dingwe tsa dilo tse di bakang kgolo ya bolwetse kwa kgaolong, a kaya fa dipalo tsa batho ba ba tsenang mo serubing tse di ileng magoletsa le tsone di tshwenya.

Kgosi Sekai o kgadile a sa kgwe mathe batho ba ba sa tseyeng tsia melawana e e beilweng ke ba botsogo go iphemela mo bolwetseng.

O rotloeditse setshaba go somarela matshelo a bone le a ba bangwe ka go ikgapha.

O kopile dikereke go rapelela lefatshe kgatlhanong le COVID-19.

Kgosi Sekai o rotloeditse setshaba go apara kapari e e matshwanedi fa ba ya dintshong.

A re mo ngwaong ya Setswana, motho wa mme o bonwa ka go rwala mo tlhogong le go apara mosese, a tlatsa ka go re motho wa rre o tshwanetse a apara baki.

A re se se supa tlotlo e bile se ka thusa go somarela ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Puisanyo

Date : 03 Mar 2021