Moora Tsatsi Investment e abela Mahalapye DHMT
03 Mar 2021
Khamphani ya Moora Tsatsi Investment, e e direlang kwa Mookane, e abetse Mahalapye District Health Management Team (DHMT) mesamo e le masome a mabedi le borababobedi go dirisiwa ke balwetse ba ba robaditsweng.
Mong wa madirelo a Moora Tsatsi Investment, Rre Luckson Likokoto a re o ne a robadiwa mo kokelong nngwe ya puso, mme a lemoga fa go na le letlhoko la mesamo, ka jalo a bona go tshwanela gore a thuse.
A re e re le ntswa mesamo e ka se lekane kokelo yotlhe, e tlaa thusa fa go nang le letlhoko teng.
Gone kwa tirong eo ya go aba, Rre Likokoto le mohumagadi wa gagwe, ba ne ba simolodisa tiro ya go batla motlhoki mo tikologong gore ba mo thuse ka makgolo a marataro a dipula.
Mo boemong jwa boeteledipele jwa Mahalapye District Hospital, Rre Tapiwa Babolai o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke boora Likokoto.
A re ‘go sego letsogo le le abang’, ka jalo tiro e ba e dirang e tlaa lemogwa lefatshe ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : KABO DIMPHO
Date : 03 Mar 2021