Breaking News

Mosekisiwa o ganana le bosupi jwa ngaka

03 Mar 2021

Mosekisiwa Jomo Tape wa moraka wa Mokake gaufi le Tsabong o ganne nnang ya banyana gore bosupi jo bosha jo bo ntshitsweng ke ngaka bo bewe fa pele ga kgotla ya ditsheko ya ga mmakaseterata wa Tsabong mabapi le molato o a o lebisitsweng wa go baka dikgobalo tse di masisi.

Go ya ka pampiri ya molato, go belaelwa gore e ne ya re Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngogola mosekisiwa wa dingwaga tse 38 go tswa kwa Mmashoro a gobatsa mokapelo wa gagwe mo tlhogong ka go mo itaya ka molamu morago ga go tlhoka kutlwisisanyo kwa Mokake.

Ba bosekisi ba tlhalosa gore mosekisiwa o dirile jalo ka dipelaelo tsa gore mokapelo wa gagwe o a mo tsietsa le gore tiraglo eo e diragetse ka nako e go neng go nowa bojalwa.

Fa a ipobola fa pele ga ga Mmakaserata Amantle Lungisani bosheng, mosekisiwa o kopile gore kgang e tshololwe ka gore mongongoregi o tlhalositse fa a mo itshwaretse. Tape o ne a ganana le gore bosupi jwa bongaka bo dirisiwe mo tshekong eo, ka mabaka a gore dikarata tsa pego ya  bongaka di ne tsa latlhega mo koloing ya kokelo e e neng e pegile mongongoregi go isiwa kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone.

Ka jalo, mosekisiwa a re o ’bete se molangwana ka bosupi jwa ngaka jo bosha, jo ba bosekisi ba neng ba eletsa go bo baya lekgotla pele.

O tlhalositse gore bo ka tswa bo sena boleng fa bo tshwantshanngwa le jo bo neng bo kwadilwe go le pele.

Mosekisiwa o ikepetse ka go re ga a tshephe bosupi jwa pego ya bongaka ya bobedi ka gore e dirilwe lobaka morago ga tiragalo, ka jalo boleng jwa yone bo ka seka jwa tshwana le jwa ya ntlha e e latlhegileng.

Mosekisiwa le mongongoregi ba nna mmogo mo lwapeng, le ntswa ba sa nyalana. Tape o tlhaloseditse lekgotla gore mongongoregi o mmoleletse gore o a mo itshwarela a bo a bolelela ba sepodisi, ka jalo o ipotsa gore sekgoreletsi se tswa kae, se se itsang kgang go tshololwa.

Fa a tsibogela kopo ya mosekisiwa ya gore lekgotla le seka la mogela bosupi jo bosha le gore kgang e tshololwe, mosekisi Mme Lucy Dinake o tlhalositse gore ga ba a amogela mokwalo ope go tswa kwa mongongoreging wa gore o tsholola kgang eo, ka jalo kgang e tshwanetse ya tswelela.

Mme Dinake o ne a gatelela gore ke boammaaruri gore dikarata tsa mongongoregi di ne tsa latlhega mme e le ba bosekisi ba ne ba tsaya boikarabelo jwa go batla bosupi joo.

Go diragatsa seo, Mme Dinake o tlhalositse gore mongongoregi o ne a isiwa gape kwa go ba botsogo go tlhatlhojwa sesha ke ngaka, mme ya ntsha pego e nngwe e supang dikgobalo.

E rilea a tsibogela seemo se, Mmakaseterata Lungisani a laela ba bosekisi gore ngaka e e neng e tlhatlhoba mongongoreki e tle fa pele ga lekgotla go ntsha bosupi gore kgang e tswelele pele.

Tsheko e tlaa tswelela kgwedi eno e fera bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : TSHEKO

Date : 03 Mar 2021