Batshameki ba lebisitswe molato
02 Mar 2021
Mapodisi a Thamaga a lebisitse borre ba feta masome a marataro molato wa go kgobokana mo go seng ka fa molaong morago ga gore ba tshwarwe kwa polasing ya Fora Farm gaufi le Kumakwane ba tshameka bolo ka Tshipi.
Go ya ka Mogolwane wa sepodisi sa Thamaga, Superintendent Moses Kgwarae, banna bao ba fitlhetswe kwa polasing ya ga Rre Frank Lesokwane yo o tumileng mo mererong ya mmino ka leina la Franco.
Superintendent Kgwarae a re mapodisi a lomilwe tsebe ke mofeti ka tsela mo mosong ka nako ya lesome le bongwe morago ga gore a bone dikoloi di le dintsi di fetela kwa polasing eo.
Superintendent Kgwarae a re mapodisi a Thamaga a ne a ragogela koo mme ba fitlhetse batho ba feta lekgolo.
A re ditlhopha tse pedi di ne di tshameka bolo fa bangwe ba ne ba leka go iphalotsa ka go sia.
O tlhomamisitse gape gore ditlhopha tse di neng di tseneletse metshameko eo, di ne di le nne e bile setlhopha se sengwe se tswa kwa Bokaa kwa Kgatleng.
A re ka jalo, mapodisi a feletse a tshwara borre ba le masome marataro le boferabongwe mme ba ba lebisa molato wa go kgobokana mo go seng ka fa molaong.
Mongwe le mongwe wa borre bao o duedisitswe P1 000 fa mong wa polasi a lebisitswe molato wa go kgobokanya batho mo go seng ka fa molaong mme a duedisiwa madi a sa feteng P5 000.
Le fa go ntse jalo, Superintendent Kgwarae a re ba sepodisi ba itemogetse gore batho ba santse ba na le ketsaetsego ya gore a bolo ya itloso bodutu e letlelelwa go tshamekwa ntswa molaetsa o tlhamaletse go ya ka melawana e e beilweng ya COVID-19 gore metshameko yotlhe ga e letlelelwe kwa ntle ga ditlhopha tsa setshaba.
A re se, se supa gore batho ga ba na kelelelo mo dilong tse di ka somarelang matshelo a bone.
O kopile setshaba gore fa molao o beilwe mongwe le mongwe a o sale morago.
Mo go tse dingwe, Superintendent Kgwarae a re ba begile kotsi e mo go yone Rre mongwe wa dingwaga di ka tshwarang masome a matlhano le botlhano a fitlhetsweng a thudilwe ke koloi e bo e siya mo tseleng ya Thamaga/Molepolole ka Matlhatso ka nako ya boferabobedi bosigo.
A re Rre yo, o bonwe ke badirisi ba tsela a rapaletse mo tseleng mme ba itsese mapodisi a Thamaga, ba ba fitlhileng ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Thamaga kwa a sidilegang teng.
Supt Kgwarae o ikuetse mo setshabeng gore yo o ka tswang a bone koloi e e thudileng Rre yo, a ikgolaganye le mapodisi a Thamaga go ba thusa mo dilthotlhomisong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : THAMAGA
Event : potsolotso
Date : 02 Mar 2021