Borre kwa Selebi Phikwe ba itshetsa ka diatla
02 Mar 2021
Dingwe ditiro tsa diatla tsa ngwao go lebega di nyelela le dipaka tsa sesha le go fekeediwa ke ditlhabologo tse di tsesitsweng ke maranyane go leka go tlhofofatsa ditiro.
Rre Othusitse Orogile, wa dingwaga tse di masome marataro le bongwe le Rre Kgaugelo Kootshotse, wa dingwaga tse di masome matlhano, e le banni ba Selebi Phikwe ba kaya fa ditlhabololo tse di tsileng ka mmetela, di tsesitse ditlamorago tse di molemo le tse di sa siamang.
Tshiamo e ba e bonang ba re ke go tlhofofatsa tiro le go boloka nako mme go ya ka bone, tse di sa siamang di feeketsa tse di molemo ka ntlha ya gore ditlhabologo tse, di nyeletsa ngwao e bile dingwe di kgotlhela tikologo le go itsa beng-gae go bona diphatlha tsa mebereko.
Bobedi jo, bo itlamile gore ga bo ke bo latlhe ngwao mme bo tlaa tswelela le kitso e ba tswang bonaneng ka yone ya go betla.
Ba supile fa ba ne ba ikopanya, ka maikalelo a go dira kgwebo e ba ka itshetsang le go tsosolosa ngwao ka yone.
Rre Kootshotse yo o tlholegang kwa Bobonong a re thuto e, o e amule mo go rraagwemogolo yo a tlhalosang fa a ne a na le keletso ya go bona tiro e e tsweledisiwa ke banana le go tsewa ka tlhoafalo jaaka pele.
O gakolotse banana gore ba seka ba baya fela mo dithutegong tsa bone kana go tlhajwa ke ditlhong go dira ka diatla.
Go dira jalo a re go tlaa boloka ba ba tlang kwa morago go ithuta mo go bone.
Rre Othusitse o tlhalositse fa setlhare sa morula se le monate go betla dikika ka pelo ya sone e le motlhofo go gonngwa ka e tshwara metsi ka lobaka lo loleele mme mophane o ne, o siametse go dira dintshwana, dithobane le tse dingwe.
Ka ba supile fa maranyane a na le dintlenyane tsa one, ba re ba dirisa WhatsApp go ipapatsa, segolo ka ba sena lefelo le ba direlang kwa go lone.
Ba re dingwe didirisiwa di kgotlela tikologa ka di bereka thata ka motlakase fa dingwe di dirisa lookwane.
Le fa ba sena teseletso ya go kgaola ditlhare, ba re ba ikaelela go baakanya se ka go kopana le ba ba maleba go ba thusa.
Ba supa fa ba le kelelelo mo go diriseng ditlhare ga bone ka ba itse mosola wa tsone mo diphologong, batho le tikologo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barutwa Mogocha
Location : SELEBI PHIKWE
Event : potsolotso
Date : 02 Mar 2021