Breaking News

Tona o rotloetsa banana go tlhabolola matshelo

01 Mar 2021

Tona wa Ngwao, Metshameko le Tlhabololo Banana, Rre Tumiso Rakgare o rotloeditse banana go tswelela ba dira ka natla go nna le letsogo le le kwa godingwana, go thusa mo ditirong tsa go tlhabolola matshelo a merafe.

Fa a bua kwa mogwantong wa dikhilomitahara tse di lesome le botlhano, wa go pagama dithaba o eteletswe pele ke setlhopha sa banana sa Di-Ya-Thoteng Highking Club, Tona Rakgare o supile fa seabe sa banana mo ditirong tsa setshaba se le botlhokwa e bile se tlhoka thotloetso go ba tiisa moko ka bokamoso jwa lefatshe bo ikaegile ka dikitso le makgoni a bone.

Tona, yo e neng e le mogwanti mogolo, ka go simolola le go wetsa dikhilomethata tse di lesome le botlhano, o rotloeditse thata komiti ya SAGAMMAKOPO e e leng yone ya batshwara teu ba tiro e, go tia moko le gore ba seka ba ipona tsapa go dirisa matlotlo le dikhumo tsa kgaolo ya bone go dira ditiro tse di ka thusang go fetola matshelo a batho ba kgaolo.

Mogwanto o, o o rotloeditsweng gape ke go nna teng ga mopalamenete wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja, o ne bo eteletswe pele ke ba setlhopha sa Di-Ya-Thoteng Highking Club ba e nnileng bone ba di gogang kwa tlhogong mo mogwanto le mo thulaganyong ya go kokoanya madi.

Mothusa modulasetilo wa Di-Ya-Thoteng Highking Club, Rre Mathaio Kenosi o supile fa maikalaekelo a setlhopha, se se thamilweng ka ngwaga wa 2018 e le go ema nokeng sepe se se ka thusang go tlhabolola merafe ka ditsela dipe tse ba ka di kgonang.

Rre Kenosi a re ba nnile le seabe mo thotloetsong ditiro tsa merafe tse di tsamaelanang le tsa SAGAMMAKOPO kwa metseng ya Ranaka le Polokwe, mme a solofetsa kemo-nokeng go ya pele, go godisa tomagano ya bone le SAGAMMAKOPO.

SAGAMMAKOPO ke leina le le akaretsang mafelo a Sasakwe, Gakuto, Mmatseta le Kopong, ka maikaelelo a go thusa go lemoga bojanala jwa kgaolo ya Basikwa, le go bona ka fa bo ka tlhabololang matshelo a morafe wa kgaolo eo ka teng.

Kgaolo ya Basikwa e kgethile lefelo la Lesaka-La-Badimo le le dikaganyeditsweng ke dithaba kwa kgaolwaneng ya Sasakwe kwa bokone jwa Kopong, go nna lone boremelelo jwa bojanala jwa kgaolo ka go lemoga fa le humile ditso tsa morafe.

Modulasetilo wa komiti ya thulaganyo eo, Rre Thato Rabeta a re le fa ba simololela mo legoeleleng, ba tshwaragane le namane e tota ya go tswa ka maano a a ka ba thusang go fitlhelelena toro ya bone.

“Ga re matsogo a tshotseng sepe mo nakong eno, mme maikaelelo a rona ke go dira gotlhe mo re ka go kgonang ka tshwaragano le morafe go betla maano a dithulaganyo tsa segompieno go fitlhelela toro ya bojanala go itebaganya le dikeletso tsa setshaba,” Rre Rabeta a tlhalosa.

A re ba eletsa gore mo dingwageng tse pedi tse di tlang, ba kokoanye madi ka tiro e e ka ngokang batho ba le dikete tse tlhano, e ka yone batho ba ka itseng lefelo la Lesaka-La Badimo le maikaelelo a bone.

Kgosi Michael Molefhe wa Kopong, o lebogile kemo-nokeng ya ba-na-le seabe ba ba itlamang go thusa morafe go fitlhelela toro ya go ikgakologelwa, ka tsholofelo ya gore seo se ka lere pharologanyo e kgolo mo matshelong a banni ba kgaolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : KOPONG

Event : mogwanto

Date : 01 Mar 2021